Breaking News

Ngwana wa mosimane o tlhoka kgodiso ya ga rre

16 Jun 2019

 Kgosi Simon Manthe wa Mmopane a re ngwana wa mosimane o tlhoka kgakololo go tswa mo go rraagwe, gore a anywe maele le go tsaya boikarabelo jwa tlhogo ya lelwapa.

Kgosi Manthe o buile jalo ka kgwedi eno e tlhola lesome le bone jaaka dikgosi le borre ba Mmopane ba ipelela letsatsi la borre ka go buisana ka kgodiso ya ngwana wa mosimane.

O boletse gore go nna rre ke kgwetlho ka o tshwanetse wa tlhokomela ba lelwapa la gago ka go ba fa dijo, bonno le tse dingwe.

Mme fa rre e le tlhogo ya lelwapa jaana, o dira jaana a tshegeditswe ke mme, ka jalo tiro ya ga mme e masisi a tlhoka go fiwa lerato.

Moruti Michael Raseokamo o ne a bua gore ngwana wa mosimane o tshwanetse a gola ka fa tlase ga tlhokomelo ya borre, ba mo tsenya mo tseleng, ba mmakaanyetsa bokamoso.

A re tiro e, ke boswa jo bo fetisediwang kwa dikokomaneng gore basimane ba gole e tle e nne batho ba ba nang le boikarabelo mo setshabeng.

Bana ba basimane ke bone ba ba jang leina la borrabo boswa, ka jalo fa ba sa godisiwa mo go tiileng, ko phelelong ba ka gogobisa leina le borrabo mo seretseng.

Moruti Raseokamo o gakolotse fa modi wa thuto ya bana o tswa mo lwapeng, ka jalo go le botoka gore rre a itshware sentle ka gore fa a ka keteka mme, mosimane o ya go gola a itse gore mosadi o a itewa.

Thuto ya ngwana wa mosimane e ya le dingwaga ngwana a ntse a gola.

Fa a setse a tsena mo dingwageng tse di fa gare, a simolola go nna le kodu, le mmele o fetoga, rraagwe o tshwanetse a nna fa fatshe le ene a mo ruta gore o tsena mo legatong le lengwe la botshelo mme a mo gakolole gore go itshwarwa jang.

Fa ngwana wa mosiamne jaanong a setse e le lekau, o bewa gape fa fatshe mme a nne a rutwe ka botshelo gore go nna malome kgotsa rangwane go raya eng e bile go tlhokafala eng.

Nako ya fa a nyala o rutwa gape gore mosadi o tshwarwa jang, gore ga se kgetsi e go tshamekelwang mabole mo go yone.

Rre Kabo Kefaletse  ene o ne a bua gore ngwana wa mosetsana le wa mosimane ga ba tshwarwe ka go tshwana.

Wa mosetsana o gola a rutwa ke mmaagwe go dira ditiro tsotlhe tsa go feela, go apaya le tse dingwe, fa wa mosimane a latlhelelwa, fa e se go ya morakeng fela.

Mosimane o gola a itse gore o a apeelwa, o direlwa sengwe le sengwe, mme a re ke nako ya go ruta ngwana wa mosimane gore ditiro tsa lelwapa di a tlhakanelwa.

A re borangwana ba nna fa fatshe le ene fela a setse a le mo mathateng, mme a gakolola gore go dirwe jalo ngwana a ntse a gola go mo itsa go tsena mo diphatseng.

O kopile borre go tsaya boikarabelo jwa bone jwa go godisa ngwana wa mosimane.

Kgosana ya tetlanyo, Kgosi Otlotleng Thomego o ne a gatelela temana ya gore ditiro tsa lelwapa ga di a tshwanela go tlhaolwa fa gare ga basimane le basetsana.

O kopile gore basimane ba godisiwe ka fa tseleng e e siameng.

A re ba tshabelelwa ke go nna dirukhutlhi le go dirisa ditagi tse di sa letlelelelweng ke molao.

Mokhanselara wa Mmopane Rre James Lekgetho ene a re o itemogetse gore ngwana wa mosimane o tlogetswe kwa morago mme a kopa gore a rutwe ka botshelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MOPANE

Event : letsatsi la borre

Date : 16 Jun 2019