Puso ga e kake ya tswala sekole sa Badale
16 Jun 2019
Mothusa tona wa thuto go tswa kwa moding Rre Thato Kwerepe o supile fa sekole se segolwane sa Badale kwa Mathathane se ka seke se tswalwe ntswa maduo a sone a sa kgatlhe.
Rre Kwerepe yo e bileng e le mopalamente wa Ngami, o ne a bua jaana mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa Mathathane bosheng morago ga dingongorego tsa batsadi ba supa fa sekole seo se sa ntshe maduo.
Batsadi ba ne ba supa fa bana ba dira sentle go tswa kwa sekoleng se sebotlana mme e re ba tsena kwa go se segolwane maduo a wele tlase, mme ba re ba belaela fa barutabana ba sa dire tiro ka botlalo.
Ba ile ba supa fa ba sa tlhole ba na le keletso ya go isa bana kwa sekoleng seo e bile ba bona go le botoka gore se ka tswalwa.
Fa a araba matshwenyego a batsadi, Rre Kwerepe o ne a supa fa go ka seka ga nna molemo gore sekole seo se tswalwe ka lebaka la gore motho golo gongwe ga a sa dire tiro.
Rre Kwerepe a re go tlhoka batsadi, barutabana le bana ba sekole go tshwaragana go thusana go tokafatsa maduo.
O ne gape a tlhomamisetsa batsadi fa puso e ka seka ya letlelela gore bana ba fudusiwe kwa sekoleng seo go isiwa kwa go tse dingwe kwa ntle ga mabaka a a tiileng.
Rre Kwerepe o ne a supa fa kwelo tlase ya maduo e tshwenya, ka jalo o ne a bona go le maleba go etela dikole tsotlhe tse di kgolwane lefatshe ka bophara go sekaseka gore seemo se se ka tswa sebakwa ke eng.
O ne a supa fa go tlhoka go kopanela bana ba sekole ga batsadi le barutabana e le one mabaka mangwe a a digang boleng jwa thuto.
O ne a supa fa puso e tsaya thuto ka tlhoafalo ka e ne ya simolodisa lenaneo la thuto go tswa kwa moding.
Go gatelela mafoko a ga tona, modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana kwa Badale, Mme Mokibelo Sejie o ne a supa fa ba tshwentswe ke go sa iponatseng ga batsadi kwa sekoleng fa ba bilediwa bokopano.
O supile fa dipalo tsa batsadi ba ba yang pitsong ya sekole di tsena mo seatleng.
O ne tlhalosa fa mathata a mangwe e le go tlhoka go duela madi a ditlhabololo a sekole.
Mothusa tona o ne a ya go kopana le barutabana ba Badale go ba rotloetsa go dira ka natla ka a ne a setse a kopane le batsadi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : MATHATHANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Jun 2019