Breaking News

Monana o itshetsa ka go dira molora

16 Jun 2019

E re ke maano a botshelo a sa site, Mme Lesedi Mokgaga, yo o dingwaga tse di masome mabedi le bone, o bone go tshwanela gore le ntswa a tsena sekole, a itirele kgwebo go itshetsa.

Mo puisanyong le Mme Mokgaga, o boletse fa a ne a simolola kgwebo ya go dira melora ka Moranang, a gwetlhilwe ke bolwetse jo a neng a na le jone jwa letlalo go ipulela kgwebo ya gagwe.

O tlhalositse fa a ne a dira dipatlisiso ka malwetse a letlalo mo maranyaneng mme a simolola go ithuta go dira melora mo lapeng.

A re le fa kgwebo e tsamaya sentle, go na le dikgwetlho dingwe di akaretsa letlhoko la madi.

Ka jalo a re o ne a felela a dirisa madi a itshetso a a a fiwang kwa sekoleong.

A re dingwe tsa dikgwetlho tse a kopaneng le tsone ke ditsamaiso tse di seng maleba fa motho a simolola kgwebo le gore metswako e mengwe e ne e na le boleng jo a neng a sa bo tlhoke, ka jalo go ne go se motlhofo go bona metswako e a neng a e tlhoka.

Mokgaga a re melora e, e fentse ditlhatlhobo e bile e rurifaditswe ke ba Botswana Institute of Technology, Research and Innovation.

Melora e, o e dira mo lwapeng a dirisa letsopa le le bidiwang Bentonite.

O dirisa didirisiwa tsa mo ntlong jaaka lofetlho, dintshwana le tse dingwe ka go nne kgwebo e le gone e simololang e bile a ise a nne le motshine.

Mme Mokgaga a re o eletsa go ka bona dithuso tsa madi tsa mananeo a banana kgotsa mo dikhamphaneng go godisa kgwebo e bile a kgona go rekisetsa ba ba gwebang ka maroko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : GABORONE

Event : PUISANYO

Date : 16 Jun 2019