Kgosi Chikuba o lela ka leuba
16 Jun 2019
Kgosi Clarence Chikuba wa Masukwane mo kgaolong ya Bokone Botlhaba a re ba tlaa dika ba kokonetswe ke manokonoko a leuba ka ntlha ya pula e e neleng ka boutsana mono ngwaga.
Mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Chikuba o tlhalositse fa morafe wa Masukwane o ne o lemile mme ba itswela fela ka dijalo di tshubilwe ke letsatsi le le bogale.
Kgosi o buile fa peo e latlhilwe ka e shetse mo mmung ka ntlha ya letsatsi le letlhoko la pula.
E ne ya re ka Motsheganong Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a tlhomamisa fa ngwaga wa 2018/19 e le wa leuba ka ntlha ya letlhoko la pula le letsatsi le le bogale tse di bakileng go sha ga dijalo.
Kgosi Chikuba a re bangwe ba ne ba beile ditema di ka nna pedi kgotsa tharo mme se e ne e le kwelotlase ka mo dingwageng tse dingwe balemi ba ne ba kgona go lema ditema di ka nna thataro.
O gateletse fa leruo la bone le tlaa dika le bolailwe ke mopalo ka ntlha ya letlhoko la mafulo, ka jalo a kopa morafe gore o ipaakanyetse seemo se.
A re o tshwentswe ke gore Batswana bangwe ga ba a itlwaetsa go jesa dikgomo, segolo bogolo mo kgaolong ya gagwe ka ba dumela mo phudisong e e gololesegileng.
Kgosi a re le ntswa puso e dule ka lenaneo la go thusa ba ba rekang dijo tsa leruo ka go ba fokoletsa ditlhwatlhwa, batho ga ba le nwe moro.
Kgosi o gateletse gore nako e gorogile ya gore balemi-barui ba ithute go jesa dikgomo ba seka ba baya mo Modimong go nesa pula, se ele go ipaakanyetsa diemo tsa leuba.
O supile fa a itumedisiwa ke gore matamo a bone ka bobedi a santse a na le metsi a mantsi a a tlaa ba gogang go fitlhelela dipula di na.
A re Masukwane o segofetse ka letamo le le epilweng ka Ipelegeng fa le lengwe le letona ba le epetswe ke ba Lephata la Temo-Thuo.
Mo go tse dingwe, Kgosi Chikuba o buile fa a tshwentswe ke dintsa le bo phokoje ba ba jang dipodi fa di ile mafulong.
A re bophokoje go a tlhaloganyesega fa ba aja dipodi ka e le tlwaelo gore phologolo eo e ja dipodi mme fa e le dintsa tsone go ngomola pelo.
“Bangwe ba rua dintsa tse dintsi mme ba palelwa ke go di tlhokomela, ka jalo di tshwara dipodi tsa batho di a dija.”
Kgosi a re dintsa tse dintsi di sasankega mo mebileng ka ntlha ya go tlhoka tlhokomelo, ka jalo a kopa banni gore ba rue palo e ba itseng gore ba tlaa e kgona.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Chikuba a re o itumelela gore bogodu jwa leruo ga bo yo mo Masukwane fa go tshwantshanngwa le metse e mengwe.
Kgosi Chikuba o ne a re go bo go sena bogodu jwa leruo ke sesupo sa gore morafe o tshwaragane sentle ka go le gantsi beng-gae ke bone ba utswelanang leruo kana ka tsela nngwe ba rotloetsa bogodu. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : MASUKWANE
Event : Potsolotso
Date : 16 Jun 2019