Breaking News

Komiti e kopa thotloetso

16 Jun 2019

Motshwarelela modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang moletlo wa go ipelela letsatsi la ga tautona wa pele Sir Seretse Khama, Rre Chimbidzani Chimidza a re ba lomile ka meno ka ba sena madi a a lekaneng go rulaganyetsa moletlo oo.

O buile jaana fa komiti eo amogela P18 000 go tswa mo komiting ya bagwebi ba letso la se China ba ba direlang kwa Serowe bosheng.

Letsatsi le, le ipelelwa ngwaga le ngwaga ka Phukwi a tlhola lesome le botlhano.

Fa a ba abela madi ao, modulasetilo wa komiti ya bagwebi bao, Rre Jian Yao o boletse fa ba rata go abela setshaba se ba direlang mo go sone.

A re ga se la ntlha ka ba kile ba abela legae la bana la SOS kwa Serowe.

Rre Jian o ne a tlhalosa fa ba lebogela kamogelo e ba e bonang mo banning ba Serowe.

Fa a amogela mpho eo, Rre Chimidza o ne a kaya fa ba itumeletse thuso e ba e filweng ke bagwebi bao ba ba direlang le go nna mo Serowe.

Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa go sa lekana, ka jalo a rotloetsa le go kopa setshaba go ba thusa ka sengwe le sengwe se ba ka se kgonang gore moletlo o atlege.

A re ba tlaa bo ba na le letsatsi la go kanoka dibuka Phukwi a tlhola malatsi a le masome mabedi le motso kwa Khama III Memorial Museum, ba na le baitseanape ba ditso ebong Rre Lopang Mosupi le Dr Jeff Ramsay.

A re ba tlaa bo ba bua ka dibuka tse di kwadilweng ka ga Sir Seretse Khama, ka jalo ba kopa bana ba dikole le barutabana go tla go ithuta go le gontsi ka mogaka yo wa pele.

Rre Chimidza o ne a tlhalosa gape fa go tlaa isiwa thobo kwa kgotleng e tona mme morago go nne le maitiso a ngwao maitseboa,  ka jalo a kopa morafe go tla go itisa le bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Mbaeva

Location : SEROWE

Event : MOLETLO WA KAMOGELO MPHO

Date : 16 Jun 2019