Bogogi bo lela ka tlhaelo ya melemo
16 Jun 2019
Baeteledipele ba toropo ya Selebi Phikwe ba lela ka tlhaelo ya dingaka le melemo kwa kokelong e tona ya toropo eo.
Selelo se, se utlwetse mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima, Rre Dithapelo Keorapetse kwa sekoleng se sebotlana sa Tebogo le kwa kgotleng ya Kagiso bosheng.
Mokhanselara wa kgotlana ya Leseding, Mme Phemelo Nthwane o supile fa seemo sa tlhaelo ya dingaka le melemo se tswa kgakala.
A re selo se, se pateletsa balwetse go ya go reka melemo kwa marekisetsong le ntswa bontsi jwa batho ba sa kgone ka ba gateletswe ke lehuma.
O ne a supa fa e rile mo bokopanong jwa khansele ba kopa gore tona yo o lebaneng le tsa botsogo go tla go kopana le banni ba Selebi Phikwe go ba lekodisa ka seemo se go bonalang se bifela pele, nako kgolo ke eno.
Fa a akgela, Mopalamente Keorapetse o ne a supa fa seemo sa letlhoko la melemo se apere lefatshe ka bophara mme a tlaa dira mo a ka go kgonang go itebaganya le seemo seo.
O ne a netefatsa fa kago ya kokelo ya Selebi Phikwe e le mo tseleng ka madi a go dirwa ga mealo ya sone a setse a dule.
Rre Keorapetse o ne a supa gape fa go tlaa agwa kokelo e ntsha go na le go baakanya e e ntseng se le teng.
Mo go tse dingwe Rre Keorapetse o ne a supa fa e rile morago ga go tswalwa ga moepo wa BCL, a kopa gore go okediwe babereki ba Ipelegeng ka dipalo tsa batho ba ba sa berekeng di godile.
A re go araba seo, go ne ga okediwa ka batho ba le lesome le boferabobedi mme ga seka ga dira pharologanyo epe e e kalo.
O ne a supa gape fa lephata la thuto le emisitse go duelela bana ba ba tsenang kwa dikoleng tse di ikemetseng ba batsadi ba bone ba neng ba bereka kwa mopepong wa BCL ka 2018.
Mo go tse dingwe, Rre Moshawa Mathiba go tswa kwa khanseleng ya Selebi Phikwe o ne a supa fa go baakanngwa ga tsela ya Monya Kgwebo e e ralalang toropo e setse go simolotse.
Rre Mathiba o ne a supa fa ba ne ba rerisana le ba-na-le seabe ba ba amegang pele ga tsela e simololwa ka ba ne ba lemogile fa dikgwebo dingwe di tsile go amega.
O ne a supa fa go dirwa ga tsela eo, gone go solofetswe gore e bo e fedile mo malatsing a supa, mme go ne ga seka ga nna jalo ka ba ne ba kopana le dikgwetlho, ka jalo e solofetswe go wela mo bekeng eno.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Ghani Moses wa kgotla ya Kagiso o ne a rotloetsa batsadi go tlhokomela bana ka nako ya lobelo lwa dikoloi lwa 1000km Toyota Desert Race.
Kgosi Moses o ne a supa fa batho ba na le go itumela mo ba felelang ba dirisa nnotagi phetelela mme ba tlhoke boikarabelo.
Rre Moreki Nthibo go tswa kwa go ba botsogo jwa tikologo o ne a rotloetsa bagwebi ba babotlana go nna le tsotlhe tse di tlhokafalang mo kgwebong di tshwana le bukana ya diresiti le setempe gore ba kgone go oba letsogo jaaka toropo ya Selebi Phikwe e tsweletse ka go ngoka bagwebi.
Rre Nthibo o ne a bua jaana fa a ne a araba dingongorego tsa morafe ka ba ne ba supa fa ditiro tse dintsi tse di dirwang mo Selebi Phikwe di tshwana le 1000km Toyota Desert Race di sa ba sologele molemo jaaka marekisetso a matona. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Jun 2019