Bataki ba gwetlhiwa go ipulela dikgwebo
13 Jun 2019
Mookamedi wa lephata la thuto mo Tsabong, Mme Maipelo Kesenye a re bataki ba tshwanetse ba dira ka natla go direla lefatshe leno.
A re ba seka ba tswela pelo balekane ba bone ba ba iteilweng letsogo ka gore dineo mo botshelong ga di tshwane.
Fa a bua mo kabong dietsele ya bataki mo Kgalagadi mo dikgaisanyong tsa malatsi a ga Tautona, Mme Kesenye o ne a re bataki ba tshwanetse ba bula dikgwebo go itshetsa.
A re badiragatsi ba tsee tiro ya bone ka tlhoafalo gore ba tle ba tlhamele Batswana ba bangwe ditiro.
O kaile fa go na le banana ba ba sa abelwang thuto mme ba abetswe tiro ya diatla, ka jalo a rotloetsa gore seo se nosediwe gore e re ka moso ba itshele metsi mo ganong.
Mme Kesenye a re dikgaisanyo tseo tse di simologileng ka 2008 Botswana ka bophara, mo kgaolong ya Kgalagadi di godile.
O tlhalosa jalo gore ba ba neng ba phadisanya mo go tsa botaki fela ba simolotse ba le 69 mme jaanong palo e godile e ile kwa go 114.
O rotloeditse bodiredi jwa puso jo bo neng bo le foo gore ba reke ditshwantsho tsa mo gae.
O ne a kgothatsa bataki go dirisa ditsompelo tsa mo gae go na le go reka didirisiwa kwa ntle ka gore Kgalagadi o humile ditsompelo tse bataki ba ka di dirisang e bile di sa bonwe gope gape.
A re seo se ka tsenya lentswana mo dithotong tsa bone.
Mogolwane wa lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao mo Tsabong, Rre Kago Barungwi yo e neng e le moatlhodi a re bomme ba dirile diaba mo go tsa botaki.
A re bomme ba go supilweng fa ba le maoto a tshupa ka gale, ba tsisitse disupiwa ka bontsi mme e bile bontsi jwa bone ba dirile ka bokgabane fa ba tshwantshanngwa le borre ba ba tsayang sekgele ngwaga le ngwaga.
A re baatlhodi ba kgaisanyo eo, e e neng e le mashetla, ba itumeletse boleng jwa botaki jo bo tsisitsweng ka bo tokafetse fa go tshwantshanngwa le ngogola.
O tlhalosa gape gore se se tlhapisang pelo ke gore ditshwantsho dingwe di dirilwe ka matlakala ka e le go lwantsha kgotlelesego ya tikologo le go thuthafala loapi.
Le fa go ntse jalo, Rre Barungwi o ntshitse matshwenyego a gore bataki ba ikwadisetsa dikgaisanyo mme morago bangwe ba bo ba felela ba palelwa ke go tsisa disupiwa.
Fa a tswa la gagwe, mogokaganyi wa lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao mo Tsabong, Mme Betty Gaotilwe o tlhalositse fa puso e beile mo bataking le badiragatsi gore ba fetole itsholelo ya lefatshe leno, ka jalo e ikaeletse go dirira dikgaisanyo tse go godisa botaki, bodiragatsi le ngwao.
A re bodiragatsi ke jone koloi ya ditlhabololo tsa sennela ruri.
“Fa re ba bone kwa ba teng, re a ba rutuntsha gore ba tle ba tlhame dikompone ba tle ba thape ba bangwe,” a tlhalosa.
Mme Gaotilwe a re Botswana o humile bodiragatsi mme Batswana ba tshwanetse ba ipele ka bataki le badiragatsi ba bone gore boleng jwa bone bo tswele mo pontsheng.
Mo potsolotsong le BOPA, Mme Dinah Botha yo o dirileng ka bokgabane mo go tsa matlalo a re o itumetse e bile o tlaa tswelela a bereka ka natla go tsholetsa serodumo sa kgaolo.
O supile fa dikgaisanyo tse di mo thusitse ka a kgonne go dirisa madi a a a ikgapentseng mo dikgaisanyong tse di fetlileng go ikagela ntlo a bo a e tsenya motlakase.
A re o ruta le bana ba gagwe go suga matlalo le go kgabisa ka one mme e bile le bone ba dira sentle.
Botaki jo bo gapileng maikutlo a babogedi kwa Tsabong Cultural Center e ne e le jwa ga Rre Olorato Temogo yo o dirang botaki jo bo sa tlwaelesegang jwa string art.
Rre Temogo o takile ka dikgang tsa kgokgontsho ya bomme mo malwapeng a supa jalo ka go dirisa dipekere le pente e khibidu go supa fa mokgwa o o ama bomme ka tsela e e botlhoko mme se tshwanetse sa emisiwa ka ponyo ya leitlho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : TSABONG
Event : kabo dietsele
Date : 13 Jun 2019