Bodiragatsi le botaki ke ditlhabololo tsa sennela ruri
13 Jun 2019
Mogolwane wa lekalana la UNDP, Rre Christopher Batsalelwang a re bodiragatsi le botaki ke tselana nngwe ya ditlhabololo tsa sennela ruri.
Rre Batsalelwang o buile jaana kwa tshimolodisong semmuso ya makgaolakgang a dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona tsa botaki le bodiragatsi mo Kweneng tse di neng di tshwaretswe kwa Kgosi Sechele I Museum mo Molepolole ka Labobedi.
Ka jalo Rre Batsalelwang o boletse fa bodiragatsi, botswerere le bonatla e le tiro e e tswang kgakala mo ngwaong ya Setswana. O ne a tsibosa gore bodiragatsi le botaki di ka tshetsa beng-gae ka go rotloetsa go somarela ngwao le go kgona go bontsha ditshaba tse dingwe bonatla le botswerere jo bo leng mo lefatsheng leno.
O ne gape a rotloetsa badiragatsi go ithuta mo go ba bangwe le gore ba ka thusana jang ka tsa matshelo.
Rre Batsalelwang a re UNDP e rotloetsa botaki le bodiragatsi e bile ba seka ba tshaba go kopa dithuso mo go bone.
Moeteledipele wa lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao mo Kweneng Rre Moeti Godisamang o tlhalositse fa maikaelelo a dikgaisanyo tseo e le go rotloetsa botaki le bodiragatsi go ka fetlha mebereko.
Maikaelelo a mangwe ke go bulela badiragatsi dikgoro le mmaraka kwa ba ka rekisang tiro ya bone teng jaaka fa di supiwa di ne di beilwe kwa metlobong ya ditso gore mongwe le mongwe a di bone le gone go itshwaraganya le ba-na-le seabe go tlhatlosa tsa botaki le bodiragatsi.
Motlhatlhobi mogolo wa dikgaisanyo tseo, Rre Modirwa Kekwaletswe o tlhalositse gore bodiragatsi ga se tiro ya tsatsi le le tsatsi, ke sone se e dirwang ka matsetseleko go gapa maikutlo.
Are mo dikgaisanyong tsa monongwaga, karolo ya go tshwantsha e ne e le ya maemo a ntlha mo dikarolong tse tsotlhe.
O gakolotse badiragatsi go tsaya nako ya bone fa ba dira tiro gore e tle e kgatlhise e be e nne ya maemo a a kwa godimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : dikgaisano
Date : 13 Jun 2019