Breaking News

Kgosi o kgala ba ba senyang terata ya matlhoko

13 Jun 2019

Kgosi wa Bodibeng kwa Nhabe, Rre Paul Mbaeva o kgadile batho ba ba kgaolang terata ya matlhoko a leruo.

Kgosi Mbaeva o ne a galefile  mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa tlhabololo temo-thuo le dijo, Rre Konstantinos Markus ka Labobedi kwa motseng oo.

A re go utlwisa botlhoko ka go bo terata eo e le ya tshireletso ya matlhoko a leruo, a a apesitseng balemi ba kgaolo eo kobo ka letshoba.

A re maswabi ke gore batho bangwe ba itse batho ba ba kgaolang terata, mme ba bipa mpa ka mabele.

Kgosi Mbaeva o bile a re lefatshe la bone la mafudiso le lennye, a tlhalosa fa go na le yone terata eo ntlha e nngwe, fa bontlha jo bongwe e le lecha la Nhabe. 

O kopile gore ba neelwe dingwe tsa didiba tse di sa dirisiweng gore ba kgone go isa leruo la bone kwa go tsone.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Otsetswe Machao o ne a leboga puso go bo e ba thusitse ka dihutshane le dijo tsa tsone tsa dikgwedi tse tharo. 

Le fa go ntse jalo, Rre Machao o ne a ngongorega ka letlhoko la molemisi, a re ba sale ba nna le molemisi ka dingwaga tsa bo1993.

A re yo ba mo neetsweng o bereka kgaolo yotlhe ya Nhabe, mo go dirang ekete o palelelwa ke tiro ka kgaolo eo e le bophara.

Rre Kanangura Hikuama o kgadile matlhabelo a BMC a re a tsaya lebaka le le leele a sa duele beng barui.

A re puso e thuse ba ba nang le lefatshe ka go ba phunyetsa didiba gore ba tshabisetse leruo la bone koo ka nako ya leuba.

Rre Gabriel Kazondoro o ne a re dihutshane di setse di ntsifetse, mme a batla go itse gore a di bonetswe mmaraka.

A re ba jewa ntsoma ke bagwebi ba marekisetso a nama ka dituelo tse di kwa tlase.

O bile a re ditlhwatlhwa tsa phimolo keledi tsa dihutshane di okediwe.

A re go thona go bo puso e rekela morui podi e namagadi ka P1 000, mme e re fa e jewa ke phologolo puso e bo e duela motho P157.

Fa a araba, Rre Markus o ne a re molao wa phimolo keledi o a sekasekwa, a bo a ba kgothatsa gore ba bone gore bolwetse jwa tlhako le molomo bo ka nyelediwa gotlhelele jang.

Fa a bua ka terata ya matlhoko a leruo, o ne  kopa  banni ba Bodibeng go e tlhokomela.

A re batho ba ba kgaolang terata ke bana le batsadi ba bone ba a ba itse, mme ke nako ya gore ba ba ise fa pele ga molao ka gore fa bolwetse bo ka tlhagoga, bo tsile go ba babalela botlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : BODIBENG

Event : phuthego ya kgotla

Date : 13 Jun 2019