Puso e tlaa rarabolola seemo sa tlhaelo ya metsi - mothusa tona
12 Jun 2019
Mothusa tona wa Merero ya Lefatshe, Metsi le Ditirelo tsa Kgopho ya Metsi a Leswe, Rre Itumeleng Moipisi, a re puso e dira bojotlhe go araba selelo sa tlhaelo ya metsi.
Rre Moipisi o boletse se kwa phuthegong ya kgotla kwa Marapong Seetebosigo a le lesome.
A re puso le yone e tshwenyegile ka seemo sa metsi, mme e leka bojotlhe go batla tharabololo.
O boletse fa thulaganyo ya go siela Marapong metsi go tswa kwa letamong la Ntimbale e abetswe madi mme tiro e solofetswe go simolola monongwaga, mme e wele ka ngwaga wa 2021.
A re metse e e solofetsweng go noswa ka thulaganyo ya Ntimbale e masome matlhano le bobedi, e e mo dikgaolong tsa Shashe Bophirima le Nkange.
O tsweletse a bolela fa mo didibeng tsa Maitengwe tse di nosang kgaolo eo tse di lesome le bobedi, tse pedi di kgadile, a re tse di berekang jaanong di dira go feta selekanyo.
Rre Moipisi a re gape metsi ao ga a lekane ka didiba tseo di ntsha 5 million litres ka letsatsi, fa metse yone e tlhoka 7 million litres.
A re le fa gontse jalo, lephata le leka ka bojotlhe go siela metse eo metsi ka dikoloi.
A re go na le thulaganyo ya go gokela sediba se se kwa Goshwe go siela metse ya Marapong le Semitwe.
Go tlaa tsosoloswa didiba tsa kwa Chidumela go leka go tokafatsa seemo sa tlhaelo ya metsi fa go santse go emetswe thulaganyo ya senne-la-ruri ya Ntimbale.
Mo dikgannyeng tse dingwe, mothusa tona o ne a supa fa batho ba le makgolo a robabongwe le masome a robabongwe ba ikopetse ditsha kwa Marapong, mme tlhaelo ya lefatshe ke yone e bakang tiego ya go aba ditsha.
E ne e rile a amogela baeng, Kgosi Bakane Mampori a bolela fa batho ba sa tsoga ke letlhoko la metsi.
A re fa e sa le ba solofetswa go noswa metsi a Ntimbale nakokgolo ke eno.
Kgosi Mampori a re ba setse ba akanya go isa kgang ya bone kwa go Tautona, ka ga go thuso epe e ba e boneng le dikoloi tse di isetsang batho metsi di tsaya nako go a isa.
Banni ba ne ba lela ka tiego ya ba lephata la kabo ditsha go baa ditsha, bogolo jang tsa bonno le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa metsi, ntswa go tsaya nako go sena metsi.
Fa a araba, Rre Moipisi o boletse fa peo ya ditsha ya bofelo e dirilwe ka ngwaga wa 2015, a bolela fa ba santse ba na le kgwetlho ya go aba lefatshe, mme lephata le leka ka bojotlhe gore fa gona le phatlha batho ba bewe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Marapong
Event : Phutlhego ya kgotla
Date : 12 Jun 2019