Breaking News

Bakwena ba amogela leina la mothusa kgosi

12 Jun 2019

 Bakwena ba amogetse gore Rre Lawrence Mhaladi a tlhomiwe mothusa kgosi kwa Molepolole.

Kgosigolo ya Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III o boletse mo phuthegong ya kgotla kwa Molepolole bosheng fa a itumeletse ka fa Rre Mhaladi a berekileng ka teng, ka jalo a bone go tshwanela go mo dira mothusi wa gagwe. 

Phatlha ya mothusa kgosi e bakilwe ke go tlogela tiro ga ga Kgosi Norman Bakwena ka lebaka la bolwetse ngogola. 

Kgosi Kgari o supile fa a sale a dira le Rre Mhaladi go simolola ka ngwaga wa 2002. 

A re Rre Mhaladi o simolotse e le kgosana mme a tlhatlosiwa maemo go fitlhella a tshwara a moemela kgosi yo mogolwane. 

A re mo nakong e ba ntseng ba dira mmogo, Rre Mhaladi o supile e le motho yo o boikanyego e bile a kgona go gakolola. 

Le fa go ntse jalo bo rangwane-a-kgosi ga ba dumelane le tshwetso e.

Mongwe wa bone, Kgosi Keineetse Sebele a re ba lekile go gakolola Kgosi Kgari gore ga ba kake ba tsenya motho yo e seng wa bogosi mo maemong a bothusa kgosi, a re se se kile sa baka kgotlhang mo morafeng ka ngwaga wa 1969. 

O kopile Bakwena go tsaya malebela mo merafeng e mengwe e tshwana le Bangwato le Barolong, e e neng ya nna le tlhakatlhakanyo morago ga go tlhopha batho ba e seng ba bogosi bathusa kgosi. 

Kgosi Sebele o boletse fa ba ne ba kopa thuso kwa go Kgosi Mosadi wa Balete le Kgosi Malope III wa Bangwaketse go thusa Kgosi III go tlhopha mothusa kgosi. 

O ne gape a supa fa ntlo yotlhe ya bogosi e sa rerisiwa, ka bana ba bangwe ba ga Kgosi Motswasele ba sa bolelelwa ka thulaganyo ya go baya Rre Mhaladi mo maemong. 

Kgosi Kgosimotse Sebele ene o ne a re go tshwanetse ga elwa tlhoko ka mothusa kgosi o ka nna le sebaka sa go tshwarelela bogosi fa kgosi a sa kgone go nna mo setilong ka mabaka mangwe. 

Kgosi Kgari III o ne a tlhatswa mafoko a, a tlhalosa gore ka molao o o tsamaisang bogosi wa Bogosi Act, morafe ke one o tlhomang motshwarelela kgosi, ka jalo ga go reye gore mothusa kgosi o ka tsaya maemo ao. 

Mo dikakgelong tsa bone,  banni ba ne ba supa fa ba amogela Rre Mhaladi go nna mothusa kgosi, ba kaya fa e le senatla e bile a ikanyega. 

Le fa gontse jalo, a le mongwe, Rre Clement Kgosiimang ke ene fela a supileng gore ga a dumalane le mafoko a kgosi a supa gore tsamaiso ya Sekwena ga ya salwa morago. 

Rre Thuba Koontse o ne a bala temana mo molaong wa bogosi, o o fang kgosi tetla ya go tlhopha mongwe le mongwe go nna mothusi wa gagwe, a supa fa a dumelana le kgosi. 

Le fa go ne go dumelanwa, bangwe ba ne ba supa fa ba le sebete se molangwana ka botsogo jwa ntlo ya bogosi, ba kopa gore go nne le kagiso magare ga ga kgosi le borangwaneagwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Molepolole

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Jun 2019