Masisi o tshedisa boora Ramothokgwana
12 Jun 2019
E rile ka Labobedi, Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a ya go tshedisa ba lelwapa la ga Mme Lingiwe Ramothokgwana yo tlhokafetseng kgwedi eno e tlhola malatsi a le mane.
Mme Ramothokgwana e ne ele mokwaledi kwa Ofising ya ga Tautona a lebagane le tsa botsamaisi jwa ofisi.
Tautona Masisi o kaile fa Mme Ramothokgwana a ne a le bonolo e bile e le mongwe wa babereki ba ba neng ba le boineelo mo tirong.
Dr Masisi o ne a supa fa a latlhegetswe ka jaana seru se se wetseng boorra Ramothokgwana le ene se mo ama.
Tautona o ne a gakolola ba losika gore ba seka ba itlhoboga, mme ba kgothale. O ne a ba kgothatsa go godisa bana ba moswi ka lerato.
Kgaitsadie Mme Ramothokgwana, Rre Sam Mpuchane o ne a bolela fa moswi a ne a tlhagogelwa ke bolwetse kgwedi ee fetileng e ya fifing.
Rre Mpuchane o tlhalositse fa pelaelo e ne e le madi a kwa tlase, mme ba bongaka ba fitlhela a kikitletse mafatlha.
Mme Ramothokgwane o tlhokafetse ka Labobedi beke e fetileng, mme o tla bolokelwa kwa Kanye mo kgotleng ya Mathubapula mo mosong wa Matlhatso.
Moswi o tlogela rre, bana ba le bane; basimane ba le babedi le basetsana ba le babedi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : Gaborone
Event : Matshediso
Date : 12 Jun 2019