Mokgatlho wa Shegotja Molelo o busetsa seriti
11 Jun 2019
Mookamedi wa mokgatlho wa Shegotja Molelo, Mme Goleba Mokwena, a re mokgatlho o itebagantse le go busetsa seriti sa bomme segolo jang ba ba dikobo dikhutshwane.
A re mokgatlho o itebagantse thata le diphitlho le gone go golaganya ba ba tlhokang thuso le ba boipelego.
Mme Mokwena o tlhalositse jalo fa ba ne ba rola mokgatlho oo seemuso kwa kgotleng kgolo kwa Maun.
A re mokgatlho o kwadisitswe ka fa molaong ka 2011 morago ga go lemoga fa diphitlho tsa batho ba ba tlhokang di sena seriti.
A re maduo a bone a bonala gompieno, e bile bangwe ba ba nang le itsholelo ba mokorwana ka jaana ba bona fa mokgatlho o fa batlhoki seriti.
Fa a tlhalosa thulaganyo ya mokgatlho, o boletse fa go na le phitlho ya leloko, kemedi go tswa ntlheng tse nne tsa lefatshe e netefatsa gore e nna teng mo tirong eo.
A re gompieno ga gona pharologanyo ka jaana diphitlho tsa maloko a bone di sa tlhaele sepe e bile ditiro di tsamaya ka thelelo.
Mma Mokwena a re fa ba simolola ka 2006, ba ne ba felela mo seatleng, mme gompieno maloko a bone a feta dikete tse lesome mme a kgothatsa bomme ba Maun go tsena mo mokgatlhong oo, ka a re o na le tse dintsi tse ba ka di akolang.
A re ba bonye fa jaanong nako e tsile ya go rola mokgatlho, ka ba setse ba na le maloko a feta lekgolo, a tlhalosa fa kgaolo ya Maun e ne e ntse e wela ka fa tlase ga Ghanzi.
O tsweletse a kopa maloko a Shegotja Molelo go tlotlana le go emana nokeng ka nako tsotlhe, a re go dira jalo go godisa mokgatlho.
Maloko a kopilwe gape go emisa semorafe ka jaana se ka diga mokgatlho, mme a kopiwa go dira ka mowa o le mongwe.
Mme Mokwena a re maloko a masha a seka a tsiediwa ke ope go senya ledula le le renang mo mokgatlhong.
Motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi o ne a atla mokgatlho oo, a re ke mogopolo o montle o o ka isang bomme golo gongwe mo botshelong.
A re Shegotja molelo ke lenaneo le le kgatlhisang leitlho ka ebile loso le sena morero, mme a rotloetsa bomme go ititaya ka thupana go inaakanya le one.
A re leso ga le lebe gore a motho mohumi kana mohumanegi, ka jalo go botlhokwa go ipaakanya go sa le nako.
Kgosi Moremi a re o dumela fa bomme ba tlaa ikwadisa ka dipalo tse di namentsang, ka ba lemoga boleng le botlhokwa jwa mokgatlho oo.
Mothusa modulasetilo wa mokgatlho, Mme Serwalo Masolo a re mokgatlho o o fokoditse selelo se se neng se fitlhelwa mo go ba ba senag dithata kana itsholelo e e botoka fa ba wetswe ke seru.
Kgosi Moremi a re mokgatlho o dira gore mme le ene a nne le seabe ka jaana bokete bo ne bo rwesiwa borre mo malwapeng.
O kgothaditse bomme ba ba dirang mo Ipelegeng go inaakanya le mokgatlho oo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : Maun
Event : Bokopano
Date : 11 Jun 2019