Breaking News

Lemang masimo go oketsa dijo

11 Jun 2019

Balemi ba Makobeng Cluster Fence go bapa le Moshopha kwa kgaolong ya Legare ba rotloeditswe go epa ditlhare tse di mo masimong a bone gore ba kgone go lema diekere tse dintsi.

Se se builwe ke mokhanselara wa Ramokgonami, Rre Motsemeng Letswamotse bosheng.

Rre Letswamotse a re ga go itumedise go bo puso e dirisa madi a mantsi go thusa Batswana go agelela masimo, mme e re kwa bofelong beng ba masimo ba bo ba lesa ditlhare di mela ka ba sa leme.

O boletse fa sekgwa se se ageletsweng e le selekanyo sa dikhilomethara di le lesome le bosupa, mme mo teng go na le ditema di feta sekete, mme tse di epilweng e bile di ka lemiwa di makgolo a mararo le masome a mabedi le botlhano.

 A re se ga se itumedise ka lefatshe le le ntsi le sa remiwa, mme le ageletswe fela ntswa lefatshe leno le tlhaelelwa ke dijo.

Rre Letswamotse a re lenaneo la go agelela masimo la cluster fencing le dirilwe go lebilwe dikgang tse di tshwenyang balemi thata jaaka leruo le le senyang dijwalo.

O ne a kopa balemi ba Makobeng go ntsha leruo la bone mo teng ga kagelelo eo, a bolela fa go sa letlelelwe gore le nne mo teng ga terata eo. 

A re fa balemi bao ba sa ntshe leruo la bone, go tlaa bo go sa direlwe ba ba ntshitseng leruo la bone sentle e bile leruo le tla a tswelela le senya dijwalo.

Rre Letswamotse a re madi otlhe a a dirisitsweng mo go ageleleng masimo a balemi bao ke P1 184 970, mme a kopa balemi go lema thata gore ba kgone go jesa lefatshe leno.

O ne a lebogela maloko a mokgatlho wa Makobeng Cluster Fencing go ikopanya ba bo ba agelela masimo a bone. 

Modiri wa lephata la dijwalo wa kgaolo ya legare, Mme Oarabile Letsatsi o ne a bolela fa go na le ditlhopha tsa cluster fencing mo kgaolong ya legare di le masome a mabedi.

O boletse fa lenaneo le la go agelela masimo le na le thulaganyo e nngwe ya go epa sediba, mme a rotloetsa balemi go ikopela go epelwa sediba.

Mme Letsatsi o ne a bolela fa lephata la gagwe le tshwenngwa ke kgang ya gore masimo a a ageletsweng ao, a sa lemiwe e bile a sa ntse a tletse dikgwa.

O ne a rotloetsa beng ba masimo ao go adima ba ba batlang go lema masimo a bone. 

A re maikaelelo a terata eo ke go sireletsa dijo.

O ne a ba itsise fa go ne ga tlhagoga seboko se se jang mmidi se se tswang kwa lefatsheng la Amerika. 

Mme Letsatsi a re se a tshwenya ka se kgona go ja dinawa fa go sena mmidi, kana se je bojang fa go sena temo.

A re lephata la gagwe le simolotse go se lwantsha mme ga le rotloetse tiriso ya ditshefi. 

A re se kgona go baya mae a le mantsi nako e le nngwe fela. 

Mme Letsatsi o ne a kopa balemi go thusa lephata la temo-thuo go lwantsha seboko seo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Moshopha

Event : Bokopano

Date : 11 Jun 2019