Mogwebi o gakolola banni go tila go bipa mpa ka mabele
11 Jun 2019
Mogwebi wa kwa Thamaga, Rre Mothusi Soloko, a re motse wa bone o ka inoga mo borukutlhing fela fa morafe o ka nna moono mongwe fela go lwantsha borukutlhi.
O ne a simolodisa semmuso thulaganyo ya ntebela-ke-go-lebele, ya ba Remmogo kwa kgotleng ya Kgopa kwa Thamaga bosheng.
Rre Soloko a re banni ba Thamaga ga baa robadiwe ke go bifela pele ga seemo sa borukutlhi, selo se a reng se tlhotlhelediwa ke go soka dirope ga batsadi bangwe.
“Re itse malwapa a a nang le bana ba ba re jesetsang mokgobedung, ka jalo a re se boifeng go ba supa ka monwana, re ba ntshetse mo pontsheng gore ba itse fa matlho a ba lebile,” ga gakolola Rre Soloko.
A re o dumela fa seo se ka thusa go upolola masula aa apereng Thamaga.
A re borutkutlhi bo kgoreletsa bagwebi go betla diphatlha tsa mebereko le gone go tlhabolola seemo sa itsholelo ya motse.
“Mafelo a tshwana le Ramotswa, Kanye, Maun le Molepolole , fela jaaka motse wa Thamga a kile a tlhorontshiwa ke dikgang tsa borukutlhi bo dirwa ke banana, mme seemo sene sa emelwa ka dinao ke morafe,” ga tlhalosa Rre Soloko.
O ne a rotloetsa ba Remmogo go tsepamisa maikaelelo a bone mo go lweleng kagiso le thitibalo kwa Thamaga.
A re borukutlhi bo remeletse thata kwa dikgotleng tsa Tshwana, Ga Sau le Morepo, mme a kopa setshaba go itsheka-tsheka le gone go ntshetsa dikgang tse mo pontsheng.
Mogolwane wa lekalana la sepodisi le le itebagantseng le ditagi, Superintendent Petros Nkgetse, a re kgolo ya dikgang tsa tiriso ditagi ke yone e godisang borukutlhi, ka jaana e le lenaneo le le turu e bile le tlhoka madi ka dinako tsotlhe.
Ka jalo o ne a rotloetsa morafe wa kgaolwana ya Kgopa go tiisa lenano la ba Remmogo le go itse matilelo otlhe a dilalome, go kgoreletsa maikaelelo a bone.
A re dikotlhao tsa tiriso ditagi di gagametse mo go botlhoko, go feta bontsi jwa melato e dirafalang ka jalo go botlhokwa go ikilela mo tirong tse di bosula.
Fa a latlhela la gagwe, modiri wa sepodisi, Assistant Superintendent Justice Modisane ene o ne ao lebogela thulaganyo ya ba Remmogo ka e setse e ntshitse maduo, ka go lwantsha borukutlhi kwa maemelong a dipalamo a kgaolo eo.
A re mo nakong eno ngwaga o fetileng, ba ne ba setse ba kwadisitse dikgang tsa mofuta oo di ferabongwe.
Mogokaganyi wa lenano la twantsho borukutlhi kwa kgaolong ya Kweneng, Sub-Inspector Letlhogonolo Kgosidintsi, o kothaditse morafe go betla methale ya go hema dikgang tsa borukutlhi mo dikgaolong tsa bone go phirimisa ditoro tsa dirukutlhi.
“A re emeng ka dinao go kgoreletsa mananeo a dirukutlhi, le go tlhomamisa pabalesego ya dithoto tsa rona, ga bua jalo Rre Kgosidintsi.
Modulasetilo wa komiti ya Remmogo, Rre Lesedi Bexter, a re ba ya go tsepamisa maikaelelo a bone a Ntebele-Ke go lebele mo kgaolong eo, ka maikaelelo a go busetsa seriti sa motseng wa ga Thamaga o okileng o bo o itsege ka leina la "Ko Setho se teng.”
“Ga re ipone tsapa, re dirile thulaganyo ya go kgaoganya ditlhopha tsa bosigo le motshegare go tlhodumela matlotla le metse e sa nneng batho go kgoreletsa go fitlhwa ga dithoto tsa borukutlhi mo tikolong ya rona,” ga tlhalosa Rre Bexter. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Thamaga
Event : Phuthego
Date : 11 Jun 2019