Mosele wa pula o epiwa go sale gale
10 Jun 2019
Batsadi ba kopilwe go jwala dikakanyo tsa boleng mo baneng ba bone.
Se se builwe ke mongwe wa batsadi Rre Moshe Seloko fa a rotloetsa batsadi ba bana ba ba tsenang kwa sekolong se segolwane sa Molopo kwa kgaolong ya Borwa.
Rre Seloko o ne gape a ba ruta ditsetlana tse di botlhokwa tse ba ka di jwalang mo baneng ba bone go tokafatsa maduo a ditlhatlhobo.
Rre Seloko o gakolotse batsadi gore go botlhokwa gore ba nne fa fatshe le bana ba bone go bua ka bokamoso jwa bone.
A re go botlhokwa go bontsha ngwana tsela a sale mmotlana ka se se tla mo ruta gore a nne le dikakanyo tse di tla fetogang mekgwa e e siameng.
O gakolotse batsadi go kgothatsa bana ba bone gore ba nne le lerato mo barutabaneng ba bone ka se se ka ba thusa gore banne le isago e e siameng.
Rre Seloko o tlhalositse gore fa batsadi ba sa tseye kgato ya go bontsha ngwana monate wa go goroga kwa a yang teng ga gona se se ka diragalang.
Mongwe wa baithaopi ba ba dirileng gore thutuntsho e ya batsadi e diragale, gape a kile a tsena mo sekolong se Rre Booysen Speek o tlhalositse fa ene le baithuti ba ba nnileng bantlha go fetsa dithuto tsa bone ka ngwaga wa 1987 kwa sekoleng seo, ba ne ba bona go le maleba go thusa go tokafatsa seemo sa maduo a a sa nametseng a sekolo seo.
O tlhalositse fa setlhopha se ba ipitsang setlhopha sa Molopo sse ne sa ya kwa sekolong seo go botsa ka letlhoko la sekolo.
O tlhalositse fa mogopolo wa go direla batsadi ithutuntsho e le yone leano lantlha go leka go thusa sekolo sa bone se a tlhalositseng fa se sa dire sentle.
O gakolotse batsadi gore go botlhokwa go tshwaraganela tiro ya sekolo le barutabana.
Rre Speek o tlhalositse fa se e le sebaka sa ntlha go thusa sekolo mme a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go tswelela ba thusa gore maduo a sekolo a nne botoka.
Mogokgo wa sekolo se Mme Connie Kabasia o tlhalositse fa maduo a sekolo a sa jese diwelang.
O buile gore ga gona tirisanyo mmogo ee lebaneng le batsadi. O tlhalositse fa a santse a ngomolwa pelo ke batsadi ba ba sa tseyeng botsogo jwa bana tsia.
Mme Kabasia a re go na le batsadi ba ba iletsang bana go tsaya ditaelo tsa bongaka mme se se thusa mo go direng gore maduo a wele kwa tlase ka bana ba felela ba nna bokowa.
O kopile batsadi go ba thusa mo go rotloetseng ngwana go itse botlhokwa jwa kalafi le bongaka.
O tlhalositse fa maitlamo a go pasa ga ngwana e se a ga mogokgo le barutabana fela.
Bontsi jwa batsadi bo ne jwa lebogela dithuto tse mme ba dumalana gore go thusa go godisa le go bona bana gore ba ithuta sentle, ba tlaa kopa gore thotloetso e tshwana le ya ga Rre Seloko e dirwe thata kwa dikolong tse di botlana go thusa gore bana ba betlege sentle.
Ba ikiteile ka thupana gape gore ba tla bua le bana kwa lwapeng,mme ba kopa le gore borre ba tseye kgato ya go tla bokopanong le go tsenya letsogo mo go o ruteng ngwana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : Phitshane Molopo
Event : Bokopano
Date : 10 Jun 2019