Breaking News

Seabe sa batsadi konokono mo bokamosong jwa baithuti

10 Jun 2019

Mothusa kgosi kwa kgotleng ya Motswedi kwa Lobatse, Kgosi Kgotlaetsile Motsamai, o rotloeditse batsadi go tsaya karolo mo thutong ya bana ba bone.

O buile jalo kwa thuto puisanong ya go lemotsha batsadi le batlhokomedi ba bana, ka go godisa ngwana mo go siameng le gone go abelana maele ka kgodiso ya ngwana.

A re motsadi mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le maikaelelo ka thuto ya ngwana wa gagwe, a tlatsa ka gore seo se ka thusa baithuti go fitlhelela ditoro tsa bone.

Kgosi Motsamai o boletse gore bana ke teemane ka jalo ba tshwanetse go tlhokomelwa, a tlatsa ka gore ngwana mongwe le mongwe ke mmoloki wa motsadi wa gagwe.

Ke sone se tlhokomelo mo ngwaneng e leng konokono go bona gore o ya sekolong a ipaakantse le gone fa a tswa sekolong motsadi o bona tiro ya gagwe.

O tsweletse a bolela gore kafa batsadi ba itshwarang ka teng kwa malwapeng, go ama thuto ya bana, a tlatsa ka gore baithuti bangwe ba kwa dikgolegelong  ka ntata ya go inaakanya le ditiro tsa borukutlhi.

Kgosi Motsamai o tsweletse ka go gakolola batsadi go itse metsamao ya bana ba bone, a re go itsewe gore fa ngwana a seo o abo a le kae.

Mo go tse dingwe, kgosi o boletse gore ngwana ke ngwana o ithuta tse di molemo le dilo tse dintsi mo lwapeng.

O gakolotse batsadi go isa bana kwa kgotleng, a bolela gore go na le lenaneo le ba agang ngwana yo o sa utlweng.  A re ngwana o tshwanetse go fiwa boikarabelo le nako mme fa a paletswe ke seelo se se beilweng, o otlhaiwa ka thupa.

Fa a latlhela la gagwe, morutabana wa tsa bogakolodi le tshidilo maikutlo, Mme Thelma Mahloane o ne a bolela gore maikaelelo a bokopano jo ke gore batsadi le barutabana baitse tse di solofelwang gore ba di dire gore thuto ya bana e siame kgotsa e nne le maduo a a nametsang.

O tsweletse a bolela gore ba batla go abelana maele mo kgodisong ya ngwana, gore baitse mefuta ya kgodiso ya ngwana, seabe sa kereke mo kgodisong ya ngwana le gore ba boipelego ba ka thusa jang fa go na le bothata.

Mogolwane wa lephata la thuto go tswa kwa moding, Rre Ponoesele o kopile gore bana ba godisediwe mo Moreneng, a tlatsa ka gore poifo Modimo ke tshimologo ya botlhale ka jalo, ba eme kgatlhanong le go dira boleo.

Thuto puisano e ne e tsenwe ke maphata a botsogo le boitekanelo le ba kokelo ya banana, ba sepodisi sa Botswana gammogo le mokatisi wa tsa setho. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Thuto puisano

Date : 10 Jun 2019