Baithaopi ba tlhoka thotloetso
10 Jun 2019
Mogolwane wa khamphane ya Botswana Railways a re go botlhokwa gore baithaopi ba lenaneo la twantsho borukutlhi ba thatafadiwe ka go okelediwa ditlamelo.
Rre Kenneth Tamasiga o buile jalo bosheng kwa moletlong wa go leboga baithaopi ka go ba abela dietsele le ditlankana kwa Mahalapye.
A re borukuthi ke kgwetlho e e tshwanetseng go lwantshiwa ke botlhe.
O tlhalositse fa Botswana Railways e tshwenngwa ke bogodu jwa dithoto tse di dirilweng ka kopore le go thujwa ga dikago, seemo se a reng se kgoreletsa tiro ya khamphane.
A re bogodu jwa megala ya kopore e e tsamaisang motlakase, bo kgoreletsa tiro ya bone ya go laola mesepele ya diterena.
Le fa go ntse jalo, Rre Tamasiga o akgoletse baithaopi ba twantsho borukutlhi go tswelela ba dira ka natla go lwantsha borukutlhi.
A re go botlhokwa gore ba nonotshiwe gore ba kgone go lepalepana le dirukutlhi tse di dirisang maranyane a re mongwe le mongwe a nne le seabe mo go lwantsheng borukutlhi.
Kgosi wa Mahalapye, Rre Duncan Segotsi, a re le fa baithaopi ba dira tiro e e botlhokwa ya go sireletsa matshelo le dithoto tsa setshaba, go utlwisa botlhoko go bona ba nyadiwa ke bangwe.
Kgosi Segotsi a re go ithaopa go direla setshaba ke tiro e e botlhokwa, e e tlhokang go galalediwa.
A re ofisi ya sepodisi e tsweletse ka go lemoga seabe sa morafe mo go tshwaraganeng le mapodisi go lwantsha borukuthi.
Mogolwane wa mapodisi kwa kgaolong ya borwa jwa legare, Rre Christopher Mbulawa a re ba tshwentswe thata ke seemo sa borukutlhi.
Rre Mbulawa a re go betelela le go kgokgontsha bomme ke dingwe tse di sa jeseng setshaba diwelang mo kgaolong ya gagwe.
A re ka ngwaga, bomme ba le 2 000 ba ne ba amega mo ditiragalong tsa mofuta o.
Rre Mbulawa a re mapodisi a tlaa tswelela a dira ka natla go lwantsha methale yotlhe ya borukutlhi.
Le fa go sa lekana, a re ditshekatsheko di supa fa Botswana a dira ka natla go lwantsha borukutlhi ka jalo mafatshe a mangwe a tsweletse ka go etela mono go tla go ithuta ka methale e e dirisiwang go lwantsha borukuthi. O gateletse botlhokwa jwa seabe sa morafe mo go lwantsheng borukuthi.
Rre Mbulawa a re borukuthi bo ka senya thitibalo e e renang mo lefatsheng, a tlatsa ka gore ba sepodisi ba ka kgona go bo lwantsha ka thuso ya baithaopi.
Mokhanselara wa Mahalapye Bokone, Mme Julia Miranda o kopile puso go oketsa tshireletsego ya mapodisi le baithaopi gore ba kgone go sireletsa matshelo a bone mo dirukutlhing tse di borai.
Mme Maranda o akgotse baithaopi a bo a ba rotloetsa go tswelela ba dira ka natla. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaotlhobogwe Orefile
Location : Mahalapye
Event : Kabo dietsele
Date : 10 Jun 2019