Tshwaragano e ka tokafatsa maduo
09 Jun 2019
Mogolwane wa thuto go tswa kwa moding kwa kgaolong ya Borwa, Rre Goitsemodimo Mmusi, o kopile banni ba Magoriapitse go tsenya letsogo mo thutong ya bana.
Rre Mmusi o buile se,kwa moletlong wa go ipelela maduo a sekole se se botlana sa Magoriapitse ka bosheng.
O supile fa tshwaragano ya barutabana, batsadi le bana e ka tsisa maduo a mantle kwa dikoleng.
A re sekole sa Magoriapitse se kile sa bo sa se dire sentle, mme ka ntlha ya tshwaragano ya boraro joo, maduo a tlhatlogetse godimo ka bongwe mo lesomeng.
Lefa go ntse jalo, Rre Mmusi a re ba na le mathata a barutabana bangwe ba ya reng ba sena go rutiwa tiriso ya didirisiwa tsa thuto, ba bo ba di dirisa ka nakwana morago ba bo ba tlogela a re se ga se a tshwanela go diragala.
O ne a rotloetsa barutabana go tsweledisa ka botsipa joo, ka bo ka thusa thata go oketsa maduo a sekole.
Fa a ntsha la gagwe, mookamedi wa Lodubeng park kwa Kanye, Rre William Letlamma a re o lemoga fa bana ka bontsi ba tlaa tsaya dietsele mo ngwageng o o tlang ka fa a bonang sekole le komiti ya ditlhabololo tsa motse ba tshwaraganeng ka teng.
“Tshwaragano ya lona e ka isa serodumo sa sekole golo gongwe. Tshwarang ka thata fela jalo,” a kopa.
Rre Letlamma o supile fa dikole tsa malatsi ano di fetogile madirelo a borukutlhi.
“Bana ba dikole ba malatsi a no ba goga metokwane. Ke ipotsa gore a malatsi a go tlaa rutwa mapodisi a le mo matlong a borutelo,” Rre Letlamma a botsa.
A re go botlhokwa gore batsadi ba etele dikole kgapetsa kgapetsa go ya go bona tiro ya bana a re se, se ka thusa go lemoga bana ba ba sa direng sentle le go bona ka fa ba ka thusiwang ka teng nako e sa ntse e le teng.
Rre Letlamma a re se se ka rotloetsa bana ba go nna jalo gore le bone ba iteke ka ba tlaabo ba lemoga tlhwaafalo ya botsadi mo thutong ya bone.
O kopile puso go latlhelela barutabana sengwe se se ka ba tiisang mooko mo tirong.
“Morutabana wa sekole se se botlana o tshwara bothata ka ke ene yo a simololang go ruta ngwana go bala le go kwala,” a tlhalosa.
Rre Letlamma a re ngwana o tshwanetse go rotloediwa go dira se a se kgonang, ka se ka mmetlela bokamoso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : Magoriapitse
Event : Moletlo
Date : 09 Jun 2019