Lekgotlana le kopiwa go fefogela dikopo
09 Jun 2019
Mokhanselara wa Sedie kwa Maun, Rre Kaukapita Kaukapita, o kgaletse lekgotlana la kabo ditsha la Maun se a reng ke go baya kgaolo ya Maun Bophirima ka fa mosing mo ditlhabololong.
Rre Kaukapita a re seo se dirwa ke gore lekgotlana leo le sega mealo ya ditsha tse disha kwa Maun Botlhaba fela, kwa a reng ditlhabololo tsotlhe di isiwa teng.
O buile jalo fa a tshwaela mo pegong ya modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha kwa Maun bosheng.
Rre Kaukapita o ne a gwetlha ba kabo ditsha gore ba dire melao kwa Maun Bophirima gore ditlhabololo di oketsege.
Modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Maun, Rre Obusitswe Ntirelang, ene o ne a re o lebogela kgakolo eo, ebile a supa fa lekgotlana leo le le mo tirong ya go sega mealo ya ditsha kwa Maun Bophirima.
A re tiro eo e bonya ka go bo maikaelelo ke go baya banni ba mo gare ga Maun ba ba amiwang ke phuduga go sutela ditlhabololo.
O ne a supa fa go tlaa dirwa ditsha tsa bonno le tsa dikgwebo kwa dikgotleng tsa Moeti, Maphane le Botshabelo tse di welang kwa kgaolong ya Maun Bophirima.
Rre Ntirelang o ne gape a begela khansele potlana ya Maun fa lekgotlana la kabo ditsha le le mo maitekong a go lwantsha tiego ya go bewa ga ditsha tsa bonno kwa Maun le metse e e mabapi.
A re ba bakanoki ba kaboditsha ba tsweletse ka go dira mealo mo Maun, mme go solofetswe ditsha tsa bonno di ka tshwara makgolo a ferabongwe kwa Maun.
A re ba solofetse ditsha di ka tshwara dikete tse tharo kwa Sexaxa.
Le fa gontse jalo, Rre Ntirelang o ne a supa fa lekgotlana la kabo ditsha le babalelwa ke madiadia a tsa ba ba sekasekang boleng jwa lefatshe.
A tlatsa ka gore kwa Sexaxa go na le kgwetlho ya gore lefatshe la bonno le filwe ba masimo ka jalo banni ba tshwanetse go fiwa phimolo dikeledi pele.
Rre Ntirelang o ne a nankola fa kwa Sexaxa go na le baikopedi ba ditsha ba le 791, Maun ba le 24 000, mme Matlapana ba le 2 693.
Mokhanselara wa Boyei, Rre Kebonyekgotla Ntlogelang, ene o ne a lebogela lekgotlana la kabo ditsha la Maun go tsaya kgato go begela khansele ka seemo sa kabo ya lefatshe kwa kgaolong, sengwe se se ntseng se sa dirwe ka lebaka. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Maun
Event : Bokopano
Date : 09 Jun 2019