Breaking News

Mogokgo o kopa kemo nokeng ya batsadi

09 Jun 2019

Mogokgo wa sekolo se se botlana sa Lewis Memorial kwa Molepolole, Mme Godiraone Pebe, a re o tlhobaediwa ke batsadi ba ba sa emeng bana ba bone nokeng mo go tsa thuto.

O buile se fa mokgatlho wa bopelotlhomogi wa Walk of Hope le Limkokwing University ba ne ba abela baithuti ba le masome a mabedi ditlhako tsa sekole tse di lopileng P2 500.

Mme Pebe a re go ngomola pelo go bona  batsadi bangwe ba le maoto a tshupa fa ba bilediwa diphuthego kana sepe fela se se amang dithuto tsa bana.

“Re na le bana ba ba farologaneng mo sekoleng ba akaretsa batlhoki, masiela, fa bangwe ba na le batsadi mme seemo sa bone se sa kgatlhise, go supagala fa ba sa neelwe tlhokomelo e e kgotsofatsang. Ke batla go rotloetsa batsadi go tsaya boikarabelo mo tlhokomelong ya bana le go ba neela lerato la setsadi ka jaana re le barutabana, re ka se kgone re le nosi,” Mme Pebe a tlhalosa.

Mme Pebe o kopile batsadi go rotloetsa baithuti go tsena dithuto tsa mafelo a beke, e seng go ba itsa go ya sekoleng ba ba roma ditiro tsa lelwapa.

O ne a kgala gape batsadi ba ba kwalelang bana tiro ya sekole, ba sa ba thuse go itirela gore ba tlhaloganye a re ga go a siamela bana ka ba ka se tlhaoganye mo go tseneletseng.

Moeteledi pele wa mokgatlho wa Walk of Hope, Mme Theriso Motsemeng, o rotloeditse batsadi go tshwaragana le barutabana go ntsha maduo.

“Bomme, bana ke mpho ya Modimo. Ke bone bokamoso jwa lefatshe la rona ka jalo, go botlhokwa go netefatsa gore re ba neela lerato le tlhokomelo e e maleba ka nako tsotlhe,” Mme Motsemeng a kgothatsa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gosaitse Ditsele

Location : Molepolole

Event : Kabo dimpho

Date : 09 Jun 2019