Breaking News

Morutabana motheo wa bokamoso

09 Jun 2019

Mogokgo wa pele, Mme Margret Phologo, a re barutabana ke lesedi la lefatshe ka e le bone ba ba tlhagolang tsela ya botshelo ka thuto.

Fa a bua kwa letsatsing la barutabana kwa Tsabong bosheng, Mme Phologo o ne a supa fa barutabana e le bone motheo wa go bopa ngwana.

A re barutabana ba tshwanetse go nna motlotlo ka ba tsweletse ka go ntsha maduo a a bonalang ebile ba alosa barutegi ba tlhwatlhwa.

A re thuto ya maranyane e botlhokwa ka e thusa bana go dira ditshekatsheko tse di tseneletseng go tlhaloganya le go nna le dikitso mo dithutong tsa bone,.

Mme Phologo a re barutabana ke bone fela ba ba ka kgonang go fetola lefatshe ka ditlhabololo tsa sennela ruri le go rotloetsa batho ba ba ka ikemelang ba na le dikitso tsa tlhwatlhwa.

O ne a gakolola barutabana go sala mo morago le go ithuta ditsetlana le molao wa tsa pereko ka e le tsone tse di ka ba kaelang go dira tiro ya bone ka manontlhotlho.

Mme Phologo o ne a ba kopa gape go ikaega ka lefoko la Modimo ka le ka ba nonotsha mo nakong tse di thata gore ba seka ba kotlomela maikutlo.

Moeteledipele wa banka ya Barclays kwa Tsabong, Mme Sedilame Lesitaokana ene o ne a bolela fa thuto ya segompieno e tlhabolotswe go nna ya boleng jo bo kwa godimo ka go dirisiwa maranyane go ithuta fa go tshwantshwanngwa le nako ya maloba ka ditlamelo le dirisiwa di ne di tlhaela.

Mme Lesitaokana o ne a supa fa tshwaragano ya barutabana, batsadi le makalana a a ikemetseng e le botlhokwa ka ba ka dira pharologanyo mo go tokafatseng maduo.

O boletse fa maduo a dikole kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa mo dingwageng tse nne a ne a ntse a tokofala.

O ne a supa fa ngogola dikolo tse di potlana maduo a tsone e ne e le 61.3 per cent, tse dikgolwane e le 24.4 per cent fa go tshwatshwannagwa le 22.1 per cent  ka 2017 fa tse dikgolo tsone e le 17.3 per cent.

Le fa go ntse jalo, Mme Lesitaokana a re lephata la thuto le sa ntse le tshwanelwa ke go itoma molomo wa tlase go tlhomamisa gore le fitlhelela seelo se le se ipeetseng sa 80 per cent mo maduong a dikole tse dipotlana, 50 per cent tse dikgolwane le 30 per cent mo go tse dikgolo.

O ne a gakolola barutabana go ikgapha mo dinotaging le go ratana le baithuti ka ba ka felela ba sa tseye tiro ya bone ka tlhwaafalo. 

O ne a tlatsa ka go ba kopa go iphapa mo go tsa sepolotiki le ntswa, mme ba seka ba lebala gore godimo ga tsotlhe ke bone barutuntshi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Letsatsi la barutabana

Date : 09 Jun 2019