Mapodisi a tshwenngwa ke batswakwa
06 Jun 2019
Mapodise a Oodi a kopile banni ba Matebeleng go emisa go thapa batswakwa ba ba senang dipampiri tsa mosepele le diteseletso tsa pereko ka se e le tlolo-molao.
Fa a akgela kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Kgatleng Botlhaba Rre Moagi Molebatsi bosheng, Sub-Inspector Monica Gasefete a re kgaolo ya Oodi/Matebeleng e aparetswe ke dipalo tse di kwa godimo tsa batswakwa ba ba mo lefatsheng leno e se ka fa molaong e bile gape ba thapilwe ke Batswana mo malwapeng, masimong le merakeng.
“Re itemogetse gore batswakwa ba, ke bone ba amegang mo dikgannyeng ka bontsi tsa borukutlhi, mme seemo se se rotloediwa ke lona le le Batswana e bile le le banni ba Matebeleng ka go tlola molao le ba thapa,” Mme Gasefete a tlhalosa.
A re go le gantsi ba fitlhela dithoto tsa bogodu mo malwapeng a a hiriseditsweng batswakwa, mme beng ba malapa ao ba itira ba ba sa itseng sepe ka seemo seo.
Mme Gasefete a re se se a tshwenya ka go supa fa Batswana ba eteleditse madi kwa pele e bile ba sa boife go tlola molao.
“Nako tsotlhe re felela re rwala morwalo re le mapodisi fa motswakwa mongwe a sena dipampiri a tlhokofatse, jaanong re tshwanelwa ke go batla masika a gagwe le go tlhotlhomisa, mme dilo tse di ka ema fela fa re ka sala molao morago,” a tshwaela.
Fa a tswa la gagwe, Mopalamente Molebatsi o ne a kaya fa go le botlhokwa gore Batswana ba sale melao morago ka e le one o o thusang puso go tsamaisa lefatshe le go thusa batho ka tekatekanyo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omphile Ntakhwana
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 Jun 2019