Breaking News

Batswana ba rotloediwa go obamela melao

06 Jun 2019

Mopalamente wa Kgatleng Botlhaba Rre Moagi Molebatsi o kopile Batswana go obamela melao ka e le yone e e thusang puso go tsamaisa lefatshe.

Rre Molebatsi o buile jaana fa a buisa banni ba Matebeleng mo phuthegong ya kgotla bosheng.

Mopalamente o ne a lekodisa banni ka tse di builweng kwa palamenteng e e fetileng tse di akaretsang ditshwaelo le ditshutiso di le mmalwa tsa melao, go akaretsa molao wa kgokgontsho ya bong.

Rre Molebatsi a re pele, molao wa kgokgontsho ya bong o ne o sireletsa bana le basadi fela, mme dipatlisiso di supile fa kgokgontsho ya borre le yone e le teng.

Ka jalo, a re palamente e ne ya baakanya ditsetlana tsa molao oo, go o atolosa gore o akaretse le borre.

O ne a supa gore molao o wa kgokgontsho ya bong o tsentswe ditsetlana tse di fang ba molao dithata tsa go ka sekisa le go bona motsadi molato fa a itlhokomolosa kana a bipa dikgang tsa kgokgontsho ya bana.

“Motsadi wa go nna jalo o ka atlholwa dingwaga tse tharo go ya kwa go tse di supang mo kgolegelong fa a itlhokomolosa dikgang tse mme a di bona,” Rre Molebatsi a tlhalosa.

Rre Molebatsi o ne a akgola mohumagadi wa ga Tautona Mme Neo Masisi go tsibogela dikgang tsa kgokgontsho ya bana.

A re go dira jalo ke sekao sa gore dikgang tse ke tsa Batswana botlhe.

O ne a tsibosa banni ba Matebeleng ka molao wa tiriso le thekiso ya diritibatsi, a supa fa tshutiso ya molao o e dirilwe.

A re molao o o gagamaditswe go letla gore motho ope yo o ka bonwang molato ka go gweba ka diritibatsi a tseelwe dithoto tsotlhe tse a di ikgobokanyeditseng.

“Go na le melao e mengwe gape ya go tlhatswa madi (money laundering), tshenyetso setshaba le borukutlhi jwa baiphatlakanyi (terrorism) e e dirilweng, mme e le tshwanelo gore le itse ka yone,” ga tlatsa Rre Molebatsi.

O ne a supa gape fa palamente e ne ya dira molao o mongwe wa borukutlhi jwa maranyane (cyber-crime), mme o akaretsa ba ba tlhapatsang ba bangwe ka maranyane a Facebook.

“Molao o wa borukutlhi jwa maranyane gape o sireletsa bana gotlhe le bagolo ba ba dirisiwang botlhaswa ka go tsewa dinepe ba sa apara. 

Dingwaga tsa kgolegelo di simolola ka bosupa go ya kwa go tse di lesome le botlhano kgotsa modira molato a duedisiwe dikete tse di makgolo matlhano (P500 000) kgotsa sedikadike sa dipula (P1 million),” a tswelela.

Rre Molebatsi a re go tswa goo-Lowe, Batswana ba ne ba ngongoregela katlholo ya P50 fa motho a iteile kgotsa a tlhapaditse yo mongwe, mme se le sone se fetogile go duelwa P5 000 fa motho a bonwe molato.

Fa a bua ka melao e mengwe, Rre Molebatsi o ne a supa fa molao wa bogodu jwa leruo le one o atolositswe.

“Go etswe tlhoko gore go na le fa go sa gagamalang teng. 

Batho ba utswa leruo, ba a tshwarwa, ka moso ba letleletswe go emela tsheko kwa ntle, mme ba tswelele ka go dira molato oo. 

Mme jaanong molao o o leka go baakanya kgang e. 

Magodu a leruo a tlaa emela tsheko mo kgolegelong, e bile gape molao o o letla gore le fa motho a sa amege mo go utsweng leruo, mme a adimile batho koloi kgotsa sengwe ba utswa, motho wa go nna jalo le ene a sekisiwe,” a tlhalosa.

O ne a supa fa go ya pele, palamente e tsile go gagamatsa molao wa bogodu jwa leruo ka go batla bosekisi jo bo faphegileng gore dikgang tse di tsibogelwe ka bonako.

“Fa o utswile o bo o atlholwa, dingwaga di tshwanetse go simolola fa go bosupa go ya kwa godimo,” ga bua Rre Molebatsi.

Mo go tse dingwe, mopalamente o ne a supa fa molao o o neng o fetisitswe wa go tlhopha ka mochine o o tlhophisang wa EVM o seegetswe fa thoko, ka jalo ditlhopho tsa mono ngwaga di tlaa tsamaisiwa ka fa di ntseng di dirwa ka teng gale le gale. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 06 Jun 2019