Breaking News

Tshwaragano e ka tsisa tswelelopele

05 Jun 2019

Mogokaganyi wa nyeletso lehuma, Mme Khutsafalo Mogotsi o rotloeditse botlhe ba ba amogetseng dithuso go tshwaragana gore ba kgone go tswelela pele.

Fa a bua kwa letsatsing la bagwebi ba nyeletso lehuma bosheng, Mme Mogotsi o tlhalositse fa go tshwaragana ga ba ba amuleng lenaneo go ka ba thusa go godisa dikgwebo tsa bone.

A re go amogana dikgakololo ka tsa kgwebo ga bagwebi go ka ntsha maduo a a sa kgoneng go ntshiwa ke motho a le esi.

Mme Mogotsi a re Batswana ba tshwanetse go itse fa lenaneo e se la puso e le la bone, ka jalo ba tlamega go tsaya karolo.

A re bangwe ba tsaya lenaneo mme ba seke ba tlhokomele tse ba di filweng kana go ikgodisa ba emetse puso gore e ba thuse ka sengwe le sengwe.

O tlhalositse fa lenaneo le thusa botlhe mme ba ba sa kgoneng ba tshwanetse go tsaya malebela le go kopa dithuso mo go ba ba kgonneng gore ba kgone go itirela.

Mme Mogotsi a re ba dikgwebo di tshwana le tsa borotho, dikoko le mae ba ka tshwaragana mme ba ikopanya le dikole gore ba kgone go ba rekisetsa dijo tsa bone ka lenaneo la go ja sentle le simolotse mo dikoleng tse dipotlana.

A re Batswana ba tshwanetse go itirela ka diatla gore ba akole maduo sentle.

Mogakolodi wa tsa kgwebo mo lekalaneng la Local Enterprise Authority Mme Lentletse Mathiba o rotloeditse bagwebi go ikgolaganya le bone ka tsa kgwebo gore ba ba thuse go di tokafatsa.

 

A re bontsi jwa Batswana bo nna maoto a tshupa fa ba tshwanetse go etela diofisi ka ba dumela mo go utlweng ka ba bangwe.

Mme Mathiba a re go molemo go nna le dibukana tsa madi gore bagwebi ba itse fa kgwebo e dira dipoelo kgotsa e wela tlase.

A re boitsholo jwa mogwebi le bahiriwa le jone bo na le karolo mo go tysamaiseng kgwebo.

O kgothaditse ba ba akotseng lenaneo la nyeletso lehuma go boloka madi a bone gore kgwebo e gole.

Moemedi wa First National Bank Botswana Rre Lefika Ramooka o kopile bagwebi go kwadisa dikgebo tsa bone ka fa tshwanelong gore ba tle ba kgone go akola dithuso tsa banka.

A re polokelo ya bone e fa bagwebi dithuto ka go boloka madi ba sa ba duedise ka ba ba eleletsa tse dintle.

Rre Ramooka a re go boloka madi go botlhokwa ka a kgona go dirisiwa fa kgwebo e aperwe ke dikgwetlho.

O rotloeditse bagwebi botlhe go ema ka dinao go boloka madi a dikgwebo mme e bile ba sa a kopanye le a ba itebogang ka one ka ba ka seke ba kgone go a laola.

Mme Masego Mooketsi, yo o amuleng lenaneo le ka 2013 mme a setse a bone dipoelo tsa lone, o rotloeditse Batswana ba bangwe go le dirisa.

A re borotho jwa gagwe bo mo thusitse go reka dikoloi tse pedi, go tsenya bana dikole le lone lenyalo tota.

O tlhalositse fa e le mongwe wa ba ba fang sekole se sebotlana sa Seingwaeng borotho mme e bile a tsweletse ka go dira bontle.

Mme Mooketsi a re o eletsa go ipona a phadisana le mabentlele a matona jaaka Choppies le Spar mo dinakong tse di tlang mme o dumela a le mo tseleng e e siameng.

O rotloeditse bangwe ka ene gore ba seka ba kgobega marapo mme ba tswelele ka go rekisa dilwana tsa bone ka bopelotelele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Miranda Mapotsane

Location : MOCHUDI

Event : Letsatsi la bagwebi

Date : 05 Jun 2019