Breaking News

Bobbsies e aba ntlo kwa Tshesebe

04 Jun 2019

Ba madirelo a Bobbsies Chicken Farm kwa Tshesebe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba abetse Mme Tsela Nkhutsang ntlo ya dikamore tse tharo, ntlwana ya boitiketso, pompo le didirisiwa tse dingwe tsa mo lwapeng, tse totlhe di lopileng P100 000. 

Fa a rola dimpho tseo mo moletlong o o neng o tshwaretswe kwa ga Mme Nkhutsang mokhanselara wa Siviya, Rre Bakani Badziili, yo gape e leng modulasetilo wa komiti ya botsogo le tlhabololo matshelo a batho ya khansele ya Bokone Botlhaba o ne a lebogela ba Bobbsies tiro eo.

A re seo se supa fa ba tlotla ngwao e Batswana ba itsegeng ka yone ya go neelana, ka go tshegetsa mongwe gore a kgone go itshetsa.

Rre Badziili a re se ba se dirileng se supa fa e le ruri ba tsere tsia boikuelo jwa puso jwa go re makalana le batho ka bongwe ka bongwe ba thuse puso go agela ba ba tlhokileng lesego matlo.

A re puso mo lengweng la matshego a tebelopele ya 2016 e ne e gatelela botlhokwa jwa go nna tshaba e e lorato e bile e le kutlwelo botlhoko mme le mo tebelopeleng ya 2036, e rotloetsa tlhabololo ya matshelo a batho. Mokhanselara Badziili o ne a gwetlha Bobbsies go tshwara fela jalo mo maitekong a bone a go tlhabolola matshelo a batho, a supa fa puso e ka seke ya kgona morwalo oo e le nosi. 

A re go nna le ntlo go thusa gore maikutlo a motho a nne a kokobetse, ka jalo a kopa Mme Nkhutsang go amogela dimpho tseo ka pelo ya gagwe yotlhe.

Fa a tswa la gagwe, modiri wa Bobbsies, Rre Omphile Malapela o ne a kaya fa ba dirile seo ka lorato.

A re e le badiri ba Bobbsies ba ne ba thulanya ditlhogo  mme ba tswa ka mogopolo wa go thusa mongwe. 

O tlhalosa fa ba ne ba begela mookamedi wa bone yo gape e leng mong wa Bobbsies, Rre Gerald Saunders yo o neng a atla mogopolo oo, mme a thusa le ba lelwapa la gagwe gore tiro eo e felele e  atlegile. Rre Malapela o supile fa modiri mongwe le mongwe a ne a ntsha sepe se a nang le sone kgwedi le kgwedi mme ya re mo tsamaong ya nako, mo godimo ga bonnyennyane jo ba neng ba bo kgobokantse ba lelwapa loorra Saunders ba thusa ka P13 000 gore tiro e tswelele.

A re o itumelela go bo ba kgonne go neela Mme Nkhutsang seriti se se mo tshwanetseng sa go nna le fa a latsang tlhogo teng.

Rre Malapela o ne a leboga botlhe ba ba neng ba ba eme nokeng gore tiro eo e atlege, a rotloetsa gore mowa wa go thusana o tshegediwe gore bangwe ba seka ba wela mo isong.

Mo go la gagwe, Rre Saunders o ne a galaletsa bodiredi jwa gagwe, a re o ipelafatsa ka bone ka jaana ba ne ba ema ba tsepama go fitlhelela tiro eo e diragadiwa.

O supile  fa a le motlotlo go bo kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle mo Tshesebe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : TSHESEBE

Event : kabo dimpho

Date : 04 Jun 2019