Letelang mo go Keresete - Kebonang
04 Jun 2019
Mopalamente wa Lobatse Advocate Sadique Kebonang a re go botlhokwa go nna pelotelele le go letela mo Modimong le fa motho a kopana le dikgwetlho tsa botshelo.
Advocate Kebonang o buile jalo fa a simolodisa ditirelo tsa go ipelela dingwaga tse di masome a a ferang bongwe kereke ya St Theresa Catholic e ntse e le teng kwa Lobatse bosheng.
O tlhalositse fa kereke eo, e amile matshelo a batho ka go farologana, ka e bile e na le sekole se se botlana sa St Theresa teng kwa Lobatse.
E rile a tswa la gagwe, mogolwane wa kereke eo, Rre Albert Mothibi, a bolela fa kereke eo e fetotse matshelo a batho ka bontsi.
A re le ene tota o dirile dithuto tsa gagwe tse dipotlana kwa sekoleng seo ka 1946.
Rre Julius Segano, yo e leng lebutswapele, o tlhalositse fa kereke eo, e simologile ka 1929, e le kereke ya bobedi ya Roma mo lefatsheng leno.
A re go ipelela dingwaga tse di masome a a ferang bongwe go supa gore kereke e a gola, e bile e dira ditiro tse dintsi.
Rre Segano o boletse gore o ne a thusa batho basweu go ranola thuto ya Sekeresete gore Batswana ba tlhaloganye ka Modimo le yone tumelo tota. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : ipelo
Date : 04 Jun 2019