Breaking News

Dipaakanyo tsa go ipela di tsweletse kwa Moeng

04 Jun 2019

Lekgotla la batsadi le barutabana, ga mmogo le baithuti ba sekole se segolwane sa Moeng ba semeletse go ipakanyetsa moletlo wa go ipelela dingwaga tse di masome a supa sekole seo se ntse se le teng.

Moletlo o, o solofetswe go tshwarwa Lwetse a tlhola malatsi a le marataro.

Fa a bua mo mogwantong o o neng o rulaganyeditswe go kgobokanyetsa moletlo oo madi ka Matlhatso, mogolwane go tswa kwa moepeng wa magala wa Morupule Rre Tomi Setshogo o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go itshekatsheka, segolo jang ka sekole seo se na le lobaka se ntse se dira.

Rre Setshogo a re go dira jalo ke go busetsa serodumo sa sekole seo, ka e bile e le sekole se se nang le ditso tsa gore se alositse bomme le borre ba bontsi jwa bone e leng bone batshwara marapo mo ditirong tsa boikarabelo tse di tsholeditseng itsholelelo ya lefatshe leno.

A re moletlo o o tlang o, o batla gore banna le basadi ba ititee dihuba, mme seo se ka kgonega fela fa ba ka nna seopo sengwe e le tshabaka maikaelelo ago go direla sekole seo.

Mongwe wa baithuti ba pele ba sekole seo Rre Daniel Kotsu yo o dingwaga di masome a supa le bobedi, o ne  a tlhalosa fa a simolotse dithuto tsa gagwe tse dikgolwane ka 1964, mogokgo e le  Rre Benjamin Thema.

Rre Kotsu a re ka nako eo, sekole se ne se ijesa, go lengwa , go ruilwe dikgomo tsa mashi le nama.

A re dijo di ne di sa rekwe gope ka di ne di le boutsana go bonwa. 

Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa a sa itumedisiwe ke dikago tsa sekole seo a re ga di lebege, di onetse mme di tlhokana le go shafadiwa, ka jalo a isa boikuelo mo go botlhe ba ba tseneng sekole koo go emela sekole sa Moeng ka dinao go se baya mo maemong a a botoka.

A re maikaelelo ke go busetsa seemo le serodumo sa sekole seo mo maemong a a tshwanetseng, a tlatsa ka go kopa  baithuti ba sekole seo ba gompieno go nna le maitsholo a a eletsekang ka e le bone ba ka thusang gore dikago tseo di lebege.

Rre Kotsu o ne gape a ba rotloetsa go tsaya dithuto tsa  bone ka tlhoafalo, segolo jang mo dinakong tsa gampieno tse thuto e dirisiwang go itshetsa le go itlhamela ditiro e seng gore motho a thapiwe ke puso.

Setlhogo sa go ipelelela moletlo ke Go Tsenya Letsogo ga ba ba Amegang, Selotlolo sa go Tsosa Mokaloba, Moeng Dingwaga tse di Masome a supa le go Feta’. 

Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa Palapye yo le ene e le moithuti wa pele wa sekole seo, Rre Moiseraele Goya o ne a tlhalosa fa Moeng e le sekole se se neng se itsewe ka maduo a a kwa godimo, mme mo nakong eno se batlelwa kwa tlase ga dikole tse dingwe.

Rre Goya a re ga a tlhaloganye gore mathata a fa kae, a tlhalosa fa ka nako ya bone go ne go se na dibuka tse di balwang mme ba ne ba kwalelwa fela mo boleke  borotong.

Mo nakong ya gompieno moithuti mongwe le mongwe a fiwa dibuka go ipalela ka nako ya gagwe mme maduo a tlhabisa ditlhong.

O ne a kopa ba ba rulaganyetsang moletlo oo gore se se tlaa phuthwang se seka sa dirisiwa sotlhe mme bontlha bongwe bo salele go tokafatsa dikago tse dikgologolo tsa sekole seo, a tlatsa ka go re puso ka nosi ga e kgone e tlhoka go thusiwa ke ba ba nang le sengwe go thusa.  

A re mogopolo wa gore a batho  le dikopompone ka bongwe ka bongwe ba ikabele dikole go di thusa o seka wa nyelela ka o thusitse dikole di le dintsi go di namola mo lehumeng mme e bile dingwe tsa tsone di dira sentle.

O ne a kopa baithuti le batsadi go tshwaraganela go diragatsa ditoro tsa bone, go kgalema botlhoka tsebe le bosinyi.

A re ka dinako tsa bone ba ne ba rutilwe gore sekole se se ya go tsenwa ke ba ba tlang kwa morago ga bone,  ka jalo ba se tlhokomele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : MOENG

Event : Mogwanto

Date : 04 Jun 2019