A bogakolodi e nne jo bo agang
04 Jun 2019
Dikgosana tsa tetlanyo di gakolotswe go tsepama mo thomong ya boeteledipele ka go ntsha bogakolodi jo bo rotloetsang ledula le thitibalo ya morafe.
E rile a bua kwa moletlong wa ipelo go tlhoma semmuso kgosi wa kgaolwana ya Steken Hill/ Marapalalo mo Molepolole, Rre Sabata Rantlhoi, Kgosi Mhaladi a gakolola fa tiro ya bogosi jwa tetlanyo e tlhoka boikarabelo jwa go dira dilo ka boikanyego gore morafe o nne le tshepho mo ditshwetsong tse di tsewang.
A re e re ntswa dikgakololo di le botlhokwa mo tsamaisong ya go aga morafe, yo o gakololwang o tshwanetse go dira jalo ka kelotlhoko go hapoga dikgakololo tse di ka isang thaelong.
Kgosi Mhaladi o supile gore o tshwenngwa ke seemo sa go itshunya nko ga dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse mo tsamaisong ya ditiro tsa bogosi
“A re seka ra itetla go laolwa ke dikomiti tsa VDC mo ditsamaiso tsa bogosi. Magosi a tshwanela go nna le ditsela tse di tsepamemg tsa tsamaiso di sa kgopakgopetse morafe ka go itseela ditswetso ka bogakolodi jo bo maleba mo thulaganyong ya go tshereganya morafe,” ga gakolola Kgosi Mhaladi.
A re dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse di segetswe tema ya go itebaganya le ditiro tsa go tlhabolola morafe, ka jalo le fa kgosi e le leloko ka maemo a gagwe, go botlhokwa gore melelwane e e kgaoganyang ditsamaiso e lemogwe go hema kgoreletsego ya ditsamaiso tsa bogosi.
Kgosi Mhaladi o kopile morafe wa Steken Hill/Marapalalo go tlhomamisa kemo nokeng le tlotlo mo setilong tsa bogosi, ka jaana di ka thusa go se nonotsha.
Kgosi o ne a supa fa seabe sa kgosi se le botlhokwa go thusa go aga malwapa go nna le tsamamiso ya motia, ka go supa gore fa malwapa a robaletswe ke ditlhokwa, seemo sa borukutlhi se ka wela tlase.
Mo mafokong a kgothatso, mopalamenete wa Molepolole Borwa Dr Tlamelo Mmatli o gateletse botlhokwa jwa neelano mo gare ga baeteledipele ba akaretsa mapalamente, dikgosi, mokhanselara le dikomiti tsa kgaolo go hema dikgotlhang tse di ka kgoreletsang go tlhabologa ga morafe.
O gakolotse kgosi Rantlhoi go nna moeteledipele yo o boineelo, le go sala morago ditsamaiso tse di ka mmetlelang tsela ya go etelela morafe wa Steken Hill/ Marapalalo ka boammaaruri.
Molaetsa wa bogakolodi ka moeteledipele wa lekgotla la dikgosana mo Molepolole, Kgosi Basiamang Garebakwena o gateletse botlhokwa jwa morero le go ikgapha mo go tseeng letlhakore mo ditshwetsong.
Mo molaetseng wa go amogela thomo, Kgosi Rantlhoi a solofetsa go nna boikanyego jaaka moeteledipele wa nnete.
“Ke ikana ke ba ke lo solofetsa gore ga ke kitla ke itetla go dirisiwa ke batho ba dikgakololo tse di sa ageng morafe,” ga solofetsa kgosi.
O ne a ikuela mo morafeng go tlhomamisa bogakolodi jo bo ka mmetlelang tsela ya go goga morafe wa Steken Hill/ Marapalalo go setswe morago tsamamiso.
Kgosi o tlhagisitse ba ba nang le maikaelelo a a fitlhegileng a a ka mo gogelang mo thaelo go itse fa ba sena phatlha mo tsamaisong ya thomo ya gagwe..
Kgotla ya Steken Hill/Mrapalalo ke nngwe ya tse di lesome le bobedi tse e rileng ngogola tsa abelwa phatlha ya setilo sa kgosi wa tetlanyo, ka go lemoga fa e le nngwe ya tse di godileng, mme di sokola go tsamaya sekgala sa go kopa ditirelo tsa bogosi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Tlhomo ya kgosi
Date : 04 Jun 2019