Breaking News

Puso e thusa Batswana go inamola lehuma

03 Jun 2019

Mothusa tona wa tsa temo-thuo, Rre Konstatinos Markus a re puso e ruta Batswana gore kamoso ba ithuse ka go tlhama mebereko le go hira ba bangwe go lwantsha letlhoko la ditiro.

Mothusa tona o buile jaana fa a ne a lekola sekole sa Nxharaga sa ithutelo ditiro bosheng.

Rre Markus a re go botlhokwa gore fa baithuti ba sena go fetsa dithuto tsa bone, go nne le maduo mo setshabeng.

Sekole se a re go bolelwa fa se amogela baithuti ba le batlhano go ya kwa go lesome mme a re ke selo se se siameng fa ba ka supa maduo a se ba neng ba se tletse kwa dithutong, a re ke sone se a boneng go le botlhokwa gore a ba etele go ya go utlwa dilelo tsa bone.

A re go utlusa botlhoko ka go le gantsi, ba ba alogileng kwa go so ne, ga ba itshupe fa ba amule botsipa bongwe le ntswa ba rutilwe ka madi le meamuso ya puso.

O akgotse ba dithuto tsa matlalo a re ke bone ba o ka fitlhelang go itshupa go re ba kile ba ya dithutong golo gongwe.

A re go na le bangwe kwa Maun le Chanoga ba ba dirang dingwe tsa matlalo.

Mothusa tona yo gape e leng mopalamente wa Maun Botlhaba o kopile botsamaisi jwa sekole go kgothatsa baithuti gore e re fa ba fetsa ba e go ntsha maduo.

Sengwe se se tona se a neng a se etse gape e ne e le go bona polasi ya bone gore e mo seemong se se ntseng jang, mme a re o utlule fa e hiriseditswe bangwe a tlhalosa gore fa e le gore batho bao ga ba e tlhabolole, e boele kwa lephateng gore le e tsenye mo tirisong.

A re polasi ya Lubu kwa Kgalagadi, e ruela dipudi le dinku tse dintle, a supa fa Tautona a tsamaya le lefatshe a kgothatsa ka thuo ya dihutshane jaaka bosheng a ne a ile kwa Qatar kwa ba tlhalositsing fa ba tlhokana le nama ya tsone teng.

A re gongwe ke sone sebakaa sa gore le bone mo kgaolong ba dire se se tshwanang le se se dirwang kwa Lubu, go rua dihutshane.

Kgosi Gaolathwe Kgosigaenyatswe wa Nxharaga o ne a lekodisa mothusa tona ka diphologolo tse di tshwenyang jaaka dinare, ditlou le tse dingwe a re di borai mo matshelong a batho. 

Kgosi o boletse fa sekole se tlhaelelwa ke badiri le polasi e go buiwang ka yone e se mo seemong se se siameng, ntateng ya ditlou.

Mogokgo Rakel Ruviana ene o tlhalositse fa ba tlhaelelwa ke metsi, seemo se se bakwang ke gore dipompo di dikgologolo. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : NXHARAGA

Event : Tekolo ya sekole

Date : 03 Jun 2019