Go ja sentle go botlhokwa mo mebeleng
03 Jun 2019
Moitseanape wa tsa dijo le itshidilo mmele, Mme Olebogeng Petrus a re go ja dijo tse di nang le dikotla go tokafatsa botsogo.
A re go le gantsi fa go buiwa ka dijo, bangwe ba gopola gore go buiwa ka go dirisa madi a mantsi mme dijo di tshwana le dinawa le bogobe jwa mabele di siame go tswa fela gore di jewa ka thulaganyo e e ntseng jang.
Mme Petrus, yo o neng a bua bosheng kwa kgotleng ya Boseja kwa Maun, a re Motswana mongwe le mongwe o ka kgona go ja sentle fela fa a itse go ithulaganya mo thekong ya dijo ka go kabakanye mefuta ya dijo.
A re go botlhokwa go ruta Batswana ka go ja sentle, go fokotsa malwetse a a sa tshelanweng jaaka madi a matona, pelo le monono.
Mme Petrus a re go rulaganya ka fa motho a jang ka teng letsatsi le letsatsi ke selo se se molemo fa se salwa morago, a tlhalosa fa le yone nama e Batswana ba e ratang thata e ka nna borai fela fa e sa jewe sentle ka gore e tshwanetse ya jewa ka go kabakanngwa e le koko gompieno, tlhapi kamoso, kgomo le le latelang.
O rotloeditse bomme go ja sebete thata ka e a re ba tsena mo setswalong ba latlhegelwe ke madi.
Mme Yaone Bogatsu, yo o itebagantseng le go ruta ka botlhokwa jwa go tshela sentle, o tlhalositse fa a ka seke a rotloetsa batho go ja nama e e mafura go leka go fokotsa mmele ka a dumela go sa siama.
O rotloletsa go ja nama e e lekanetseng go dirisiwa mafura a dikungwa jaaka sonobolomo le olive ka gore ga a gatsele e bile a siametse mmele.
A re sukiri le yone e borai e bile sepe se se tsengwang sukiri ga se a siamela mmele jaaka dinotsididi.
Maungo a gompieno a re ga a na boleng jaaka a bogologolo ka gore pele e ne e re fa motho a jele leungo le le lengwe go bo go lekanye mme gompieno go batla a le mabedi go ya kwa go a mararo ke gone go bo go lekane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Jun 2019