Breaking News

Mokgatlho wa Banna-ko- Kgotleng o simolodisitswe

03 Jun 2019

Mokgatlho wa borre ba le masome mane le bobedi kwa Mmadinare o simolodisitswe semmuso ke mothusa tautona wa pele Rre Ponatshego Kedikilwe.

E rile a bua kwa tshimolodisong, mookamedi wa  mokgatlho wa Banna-Ko-Kgotleng Burial Society, Rre Kedikilwe a supa fa megopolo ya bogologolo  e  tshwana le bogwera le bojale e ne e direlwa go basimane le basetsana gore ba tsoge e le bomme le borre ba ba nang le boikarabelo.

O ne a supa fa tseo di sa tlhole di le teng ka lebaka la ditlhabololo le dingwao tse di farologanyeng.

Rre Kedikilwe o ne a supa fa mo nakong e e fetileng ngwana e ne e le wa mogolo mongwe le mongwe ka go ne go se phoso go kgalemela kgotsa go gakolola fa ngwana a tswa mo tseleng. 

O ne a supa fa puso e tshwentswe ke go tlhoka tsebe ga bana jaaka  tiriso ya nnotagi e e kwa godimo, kgokgontsho ya bomme le bana, dipolao tsa marato le go thubega ga malwapa. 

Rre Kedikilwe a re borre ba tshwanetse go galalediwa ka go lebega ba itharabologelwa ka go tlhama mekgatlho lefatshe ka bophara go lwantshana le dikgang tsa go nna jaana.

O ne a tswelela a supa fa lelwapa lengwe le lengwe le tshwanetse go tsaya maikarabelo a go bopa bana ba ba ka tsogang e le baeteledipele ba kamoso, mme a kgothatsa maloko go oka borre ba ba santseng ba goga dinao. 

Rre Modise Motshegwa yo e leng moanamisa mafoko wa mokgatlho o ne a supa fa rre a neetswe maikarabelo a go etelela lelwapa le go bopa setshaba se a tshelang le sone.

O ne a supa fa borre bangwe  ba tsweletse ka go dira ditiro tse di maswe tsa kgokgontsho le go dirisa bana botlhaswa. 

Rre Motshegwa o ne a supa fa maikaelelo a mokgatlho wa bone e le go bolokana, go amogana dikgakololo ka tsa botshelo le go aga le go bopa ngwana wa mosimane go nna rre yo o nang le boikarabelo.

O ne a ngongoregela gore dipalo tsa borre ba ba mo mokgatlhong di kwa tlase, mme a kopa borre ba ba santseng ba goga dinao go ikopanya le bone go godisa mokgatlho.

Rre Motshegwa o ne a supa fa mokgatlho wa bone e se wa batho ba Mmadinare fela mme o bulegetse borre go tswa mo mafelong a a farologaneng.

Kgosi Mauren Mphoeng wa Mmadinare o supile fa a itumelela go bona borre ba eme ka dinao go tlhama mekgatlho mme a ba rotloetsa gore ba seka ba itebaganya le dintsho fela mme ba tsenye letsogo go tlhabolola matshelo a batho ba ba tshelang nabo. 

Modulasetilo wa mokgatlho Rre Goitseone Mathaka o ne a supa fa mokgatlho wa bone o simogile ka 2016 mme o setse o kwadisitswe semmuso e bile o na le molao- motheo.

Rre Mathaka o ne a supa fa ba ikemiseditse go lwantsha dikgwetlho tsotlhe tse di ka ba emang pele. 

Setlhogo sa letsatsi e ne e le: Polokano-Banna le Kae, se e le go gwetlha borre go ema ka dinao go nna le seabe mo go bopeng  setshaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : MMADINARE

Event : Tshimolodiso ya mokgatlho

Date : 03 Jun 2019