Breaking News

Lelatisitswe o rotloetsa Batswana go aba madi a mmele

03 Jun 2019

 Mothusa tona wa Lephata la Botsogo le Boitekanelo, Rre Sethomo Lelatisitswe o kgothaditse Batswana go aba madi a mmele ka dipalo tse di kwa godimo go thusa go boloka matshelo.

Mothusa tona o buile jaana Seetebosigo a tlhola gangwe kwa Maun fa a ne a bula semmuso ntlwana e e tlaa bong e dirisiwa go aba madi a mmele.

 A re Batswana ka bontsi ba maoto a tshupa go aba madi a mmele le ntswa a tlhaela.

A re go tlhokega 45 000 litres ya madi a mmele ka ngwaga, a tlhalosa fa palo e ntsi ya madi ao e dirisiwa mo go ba ba amegang mo dikotsing tsa tsela, le ka nako ya pelegi ga mmogo le malwetse a mangwe.

Mothusa tona, yo gape e leng mopalamente wa Boteti Botlhaba, o kopile banni ba Maun go dirisa ntlwana eo, e ba e beetsweng mo toropong.

Rre Lelatisitswe o boletse fa ka 2013, gone ga bulwa makalana a le mane mo dikgaolong tse di farologanyeng, mangwe a le kwa  Maun, e le bontlha bongwe jwa go leka go goroga kwa seelong sa 45 000 litres.

Mothusa tona o bile a akgola bapalami ba dibaesekele ba mokgatlho wa Pledge 25, ba ba boneng go le botlhokwa go thusa  go anamisa molaetsa wa go aba madi a mmele, mme a nna ene wa ntlha a aba madi kwa lefelong leo.

Kgosi Oleo Ledimo o ne a re go a itumedisa gore go bo go tsile go bulwa ntlwana ya go aba madi a mmele le go ribolola leeto la bapalami ba dibaesekele le le tlhagolelang tsela letsatsi la mafatshefatshe la kabo ya madi a mmele le le tlaa ketekelwang kwa Selebi Phikwe.

A re maikaelelo a mangwe a tiro eo ke go tsibosa le go rotloetsa setshaba ka botlhokwa jwa go aba madi a mmele, mo a rileng ke mpho ya botlhokwa e e ka thusang gore mongwe a seka a tlhokafala. O kopile banni ba Maun go dirisa lefelo leo ka tlhoafalo le ka tsela e e tshwanetseng.

Dr Malebogo Kebabonye wa kokelo ya Letsholathebe o ne a akgola banana a re mo malatsing a gompieno go itshupa fa e le bone ba gatetseng pele ka go aba madi.

Dr Kebabonye a re madi a mmele ke pilisi e e ka sekeng e dirwe ke kompone epe ntswa e le botlhokwa. 

O ne leboga banni ba Maun, a re ba thusitse ka tsotlhe gore pulo semmuso ya lefelo leo e atlege. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : MAUN

Event : Pulo semmuso ya ntlwana

Date : 03 Jun 2019