Tshwaragano ke tsela mo twantshong borukutlhi
02 Jun 2019
Kgosi Mpaesele Itumeleng wa Woodhall kwa Lobatse a re ntwa kgatlhanong le borukutlhi e ka atlega fa setshaba se ka tshwaragana le mapodisi.
Kgosi Itumeleng o buile jalo bosheng kwa moletlong wa kabo dimpho wa dikomiti tsa twantsho borukutlhi tsa kgaolo ya District No. 4.
A re go botlhokwa gore dikomiti di akgolwe, ka di dira tiro ya bo ithaopo e e diphatsa.
E rile a latlhela la gagwe, Rre Mareledi Dipate go tswa kwa ofising ya ga mmakasetara a bolela fa mapodisi a kwadisa dipalo tse di kwa godimo tsa dikgang tsa borukutlhi.
Rre Dipate a re dikomiti tsa twantsho borukutlhi di ne tsa tlhamiwa go itebaganya le seemo se.
O boletse fa go kgonega gore ngwana wa mophato wa boraro a bo a na le dikgang tsa ditsheko di le masome a mane le bobedi, tselo se a reng se ba ya boka moso jwa bona ba mo diphatseng.
Rre Dipate a re dikomiti tse di tlaa dira gore botlhokatsebe bo fokotsege le gone gore bana ba tlotle batsadi ba itse gore motsadi mongwe le mongwe o ka kgalemela.
O kopile ba ba tsayang dietsele gore ba itumelele tiro ya bone mme ba sa tsayang ba iteke gore mo nakong e e tlang ba tseye sengwe.
O kopile gore baithaopi ba lemogiwe gape ba fiwe ditsompelo kgotsa di dirisiwa gore tiro ya bone e bonale.
Rre Roy Sekgororwane yo eleng mogolwane wa baatlhodi, a re ba simolola ka gore dikomiti ditle go bega mo go bone go bona gore a ba tsamaya sentle, mme go tsweng foo, dikomiti di ya go kopana e le kgaolo ya borwa, go filthelela kwa dikgaisonong tsa lefatshe lotlhe.
Fa a latlhela la gagwe, Senior Superintendent Alpha Sibanda o ne a bolela gore twantsho borukuthi ke tiro e e bokete fela thata mme mapodisi a tlhoka thuso.
Dikomiti tsotlhe go tswa kwa kgaolong ya sepodisi ya District No. 4 di filwe ditlankana ka go lemogiwa tiro e ba e dirang ka botswapelo.
Komiti ya Tshwaragano le ya Rangwashe di gapile maemo a ntlha mo ‘best practice’ di longwa serota ke Naledi le Dikatamosima ka maemo a bobedi, mme ga latela Pitikwe, Therisanyo, Makgonatsotlhe le Tebelopele.
Komiti ya Naledi, Moraologa, Tshwaragano le Rangwashe di ne tsa gapa maemo a ntlha go dira le morafe, di latelwa ke Tloga, Tebelopele, Dikatamosima, Digodi, Ditlhware, Letsibogo le Lesedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Kabo Ya Dimpho
Date : 02 Jun 2019