Breaking News

Setshaba se tsibosiwa go nna podi-matseba

02 Jun 2019

Setshaba se kopilwe go nna podi matseba ka borukutlhi jo bo dirwang ke batho ba ba tsietsang ka maranyane a e-wallet kana Orange Money.

Go bolelwa fa bangwe ba ipaya jaaka ekete ba romeletse motho madi ka phoso mme ba mo kopa gore a ba busetse madi ao.

Mothusa mookamela mapodisi a Kang, Assistant Superintendent Peter Mbasa o tlhalositse se bosheng kwa kabong ditseele tsa dikomiti tsa twantsha borukutlhi kwa Tsabong.

Assistant Superintendent Mbasa o ne gape a gakolola setshaba go emisa go pega batho dikoloi ba sa ba itse.

Mothusa molaodi wa kgaolo, Rre Bigboy Mangwa ene o ne a tlhalosa fa moletlo oo, e le wa boferabongwe go tloga ka 2008 mme ngwaga o o fetileng, o ne wa ketekelwa kwa Francistown kwa dikomiti tsotlhe di neng di kopanetse teng. 

Tshwetso e ne ya tsewa morago gore kgaolo nngwe le nngwe e tshware moletlo go fokotsa ditshenyegelo.

Rre Mangwa o kopile dikomiti tsa twantsho borukutlhi go tshwaragana le dikgosi, morafe le mapodisi gore maduo e nne a a itumedisang. 

O lebogetse seabe sa baithaopi ba twantsho borukutlhi, mapodisi, dikgosi le setshaba go bereka ka natla go tlhomamisa gore ba babalela setshaba le dithoto tsa bone.

A re bogodu jwa dikoloi bo a kekela kwa Tsabong, Kang le metse e mengwe mme mapodisi a itebagantse le se ka go tshwara dithutose puisano go tsibosa bakgweetsi.

Modulasetilo wa dikomiti tsa twantsho borukutlhi kwa Kgalagadi, Rre William Otlaadisang o tlhalositse fa ba simolotse go dira kwa kgaolong eo ka 1984 morago ga go lemoga fa mapodisi ba ka seke ba kgone borukutlhi ba le nosi.

Rre Otlaadisang a re ka nako eo, setshaba se ne se sa ba beye sebete le go ba amogela e le baithaopi ba twantsho borukutlhi.

A re le fa ba ne ba sa atswiwe ka sepe, ba ne ba ikiteile dihuba go sireletsa setshaba le dithoto.

A re se, ba tlaa tswelela ba se dira gore setshaba se tshele ka kagiso ntle le poifo.

Dikomiti tsa baithaopi ba dikgaolwana tse di farologaneng tsa Kgalagadi bokone le borwa ba le masome a mararo le boferabongwe ba ne ba lebogiwa ka dieetsele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Kabo Ya Dimpho

Date : 02 Jun 2019