Breaking News

Melato ya petelelo ga e robatse mapodisi

02 Jun 2019

Mapodisi a re a tshwenngwa ke dipalo tse dintsi tsa melato ya go betelela kwa kgaolong ya Kgatleng. 

Fa a bua kwa moletlong wa kabo-dietsele wa makgotlana a twantsho borukutlhi kwa kgaolong ya Kgatleng, moemedi wa sepodisi, Rre Mudongo Chitutu o boletse fa melato e le mmalwa ya thubetso e ama bana. 

“Ka jalo ke kopa batsadi gore ba tlhokomele bana ba bone, ba itse metsamao ya bone, mme gape ke rotloetsa batsadi go emisa go roma bana masigo ka go ba tsenya mo diphatseng,” ga tlhalosa Rre Chitutu. 

O tsweletse a supa gore mapodisi a tshwenngwa ke go ikgogela morago ga basupi, selo se se dirang gore dikgang di felele di sa e gope. 

Rre Chitutu o ne gape a supa fa mapodisi a tshwaragane le bothata jwa diritibatsi segolo jang ko dikolong.

“Re tshwara bana kwa dikolong ka matekwane, mme ke a le kopa batsadi gore a re tshwaraganeleng mathata a, re age bana ba rona,” a kopa. 

A re bogodu jwa leruo le jone bo tsweletse ka go gola, mme a kopa setshaba go thusa mapodisi go fedisa dikgang tseo. 

“Matimela a tletsetletse mo kgaolong ya lona, marole a fedile ebile le masaka a tletsetletse mo nageng mme ga se gore ga le a bone, re thuseng betsho,” ga kopa Rre Chitutu.

A re dikgang tsa bogodu jwa megala ya motlakase le go thubiwa ga matlo le tsone di golela pele. 

“Motse wa Oodi le tikologo o tlhasetswe ke bogodu jwa megala ya motlakase, ka jalo ke a le kopa batsadi gore le re bontshe kwa dilo tse di rekisiwang teng,” ga iteela Rre Chitutu. 

Fa a bua ka maikaelelo a moletlo o, Superintendent Mollowakgotla Kenosi a re mapodisi a batla go nonotsha seabe sa ditlhopha tsa twantsho borukhutlhi mo go thibeleng bogodu.

A re moletlo oo gape o ruta setshaba go nna le seabe mo pabalesegong le tshireletsego ya bone, ka jalo bogadinkame ba tshwanetse go fetola megopolo le boitshwaro jwa bone. 

Rre Kenosi a re makgotlana a twantsho borukhutlhi a botlhokwa fela thata mo setshabeng, mme a tshwanetse go lebogiwa. 

“Re ipelela bokgabane, botswerere le bokgoni jwa makgotlana a, ka ebile a lebagane le dirukhutlhi tse di borai,” a gatelela. 

Mothusa kgosi-kgolo ya Bakgatla Kgosi Bana Sekai o akgoletse makgotlana a twantsho borukutlhi go dira ka natla go lwantsha borukutlhi. 

“Fa bana ba rona rotlhe nkabe ba tshwana le di-clustera ka boitlhaopi le boitshwaro, nkabo re sena bogodu mo Botswana,” ga rialo Kgosi Sekai. 

Mo letlhakoreng la Best Practice award maemo a ntlha a ne a tsewa ke makgotlana a Boseja Central, Oliphant’s Drift, Dikgonnye, Malolwane, Ramotlabaki, Sikwane, Dikwididi, Mabalane, Rasesa, Artesia le Ramonaka.

Maemo a bobedi one ene ele Morwa, Mmathubudukwane le Makakatlela.

Boseja South, Makgophana, Phaphane le Boseja North di ne tsa garela ka maemo a boraro. Fa e le Community Commitment award yone, maemo a ntlha a ne fiwa Bokaa, Malotwana, Boseja Central, Phaphane, Artesia le Boseja South.

Maemo a bobedi a ne a ya ko Makakatlela, Rasesa, Boseja North, Mabodisa, Tshukudu, Pilane, Oliphant’s Drift, Malolwane, Ramotlabaki, Dikwididi, Mabalane, Mmathubudukwane le Sikwane, mme Ramonaka a tsaa maemo a boraro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : MOCHUDI

Event : Kabo Ya Dimpho

Date : 02 Jun 2019