Breaking News

Kago ya kokelwana ya Borotsi e simolodisitswe bosheng

02 Jun 2019

Kago ya kokelwana ya Borotsi e e tlaa lopang P1 million  e simolodisitswe semmuso bosheng.

E simolodisitswe ke mothusa tona wa tsa botsogo le boitekanelo, Rre Sethomo Lelatisitswe le mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Mme Dorcas Makgato. 

Kago ya kokelwana e, ke mpho go tswa kwa khamphaneng ya Lesedi Interiors.

Rre Lelatisitswe o supile fa maiteko a Lesedi Interiors  a tlaa rokotsa dikhamphane tse dingwe go nna le seabe le go tsaya karolo mo ditlhabololong tsa lefatshe.

A re puso e tlhoka go thusiwa ka gore ga e kake ya kgona go dira sengwe le sengwe e le nosi  ka lefatshe leno le namile e bile le na le dikgwetlho tse di farologaneng. 

Mopalamente Makgato ene o ne a lebogela go nna teng ga mothusa tona mo tshimolodisong ya kokelwana eo.

O ne gape a leboga Lesedi Interiors go thusa ka kago ya kokelwana a re se, se tlaa thusa mo go iseng ditirelo kwa setshabeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Tshimolodiso ya Kago

Date : 02 Jun 2019