Makgophe o tshwenngwa ke kgokgontsho
02 Jun 2019
Ramapodisi a Botswana, Rre Keabetswe Makgophe a re go ata ga kgokgontsho kwa kgaolong ya Ghanzi ga go jese diwelang.
O buile seo bosheng, fa a rola semmuso lenaneo la Kgomo-Khumo kwa Ghanzi bosheng.
Rre Makgophe a re kgaolo ya Ghanzi e aperwe ke mathata a mantsi a borukutlhi, bogolo segolo jo bo amang dikgang tsa kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana.
A re dipalo tsa dipolao le dipetelelo tsa bo mme le bana, di kwa godimo kwa kgaolong ya Ghanzi.
O ne a tlhagisa gore ba ba tlhakanelang dikobo le bana ba ngwaga tse di kwa tlase ga lesome le bofera bobedi, ba tlaa di gama ba sa dilthapela ka e le molato go dira jalo.
“Ba bangwe ke bo malome ba intshitseng baba mo ditlogolong tsa bone. Fa o tsaya ngwana wa lesika la gago, o re o ya go nna le ene kgotsa o ya go motlhokomela, o bo o mo tsaya o mo isa morakeng a ya go disa leruo la gagwe, ba gago bone baya dikolong, o tshwana fela le motho yo rekisang bana kgotsa yo o gwebang ka bana,” Rre Makghophe e a ntsha tlhagiso jalo.
O ne a supa gore mapodisi a tlaa abela kgotla e tona ya Ghanzi ditilo di le lekgolo, mo godimo ga moo ba tlaa abela sekolo sa bana sa Morama Day Care Centre setofo sa gase le ditilo tsa bananyana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : GHANZI
Event : Tshimolodiso ya Kgomo-Khumo
Date : 02 Jun 2019