Breaking News

Barui kwa Ghanzi ba atla lenaneo

02 Jun 2019

Ramapodisi, Rre Keabetswe Makgophe, o rotse semmuso lenaneo la Kgomo-Khumo kwa Ghanzi bosheng.

Rre Makgophe a re lenaneo leo le nonofile e bile le ntsha maduo jaaka go setse go supagetse kwa dikgaolong tse le simoloditsweng kwa go tsone.

A re sepodisi se tlaa oketsa mophato wa mapodisi a Special Support Group (SSG) kwa kgaolong ya Ghanzi le Ngami.

O tlhalositse gore Assistant Commissioner Dipheko Motube, yo o okametseng letsholo le, lefatshe ka bophara, o neetswe tsotlhe tse di tlhokegang go lwantsha bogodu jwa leruo.

Le fa go ntse jalo, Rre Makgophe o tlhalositse fa Rre Ineeleng Lesikawe ene a tlaa bo a eteletse pele letsholo la kgaolo ya Ghanzi/Ngami. 

O tladitse ka gore go tlaa nna le dikampa tsa letsholo leo kwa Okwa, Bere, Metsimantsho, Makunda fa kwa Ngami ba ya go nna le dikampa kwa Komana, Sehithwa le Nokaneng.

Ramapodisi o ne a supa fa bogodu jwa leruo bo ile kwa godimo.

O ne a gatelela ntlha e ka gore, o kgona go fitlhela motho a na le marole a a ka tshwarang masome a mabedi le botlhano, mme bo mmaaone ba le batlhano fela. 

Rre Makgophe a re kwa Mahalapye, go fithetswe motho a kwadisa dipodi a re di tswa CharlesHill, mme go sena dipampiri tsa kwa di tswang teng. 

O tlhalositse fa bontsi jwa dikgomo di isiwa kwa Gaborone go rekisiwa kwa marekisetsong a dinama.

A re molao oo letlang go gapiwa ga tsotlhe tse di dirisiwang mo bogodung go dira dikhumo, o tla ba thusa go tsaya se magodu a dikgomo a se kgobokantseng ka ditsela tseo.

Rre Makgophe a re Ramelao mogolo le ene o tlhomile setlhopha sa bo mmakaseterata, ba ba tlaa fefogelang dikgang tsa bogodu jwa leruo.

A re barui ka seka ba tshwenngwa ke dikgang tsa gore ba ba lebagantsweng melato ya bogodu ba letlelelwa go emela tsheko kwa ntle, a re seo se teng mo molaong, a tlatsa ka gore fa bosupi bo le teng bo papametse, ditsheko tsa leruo di tla potlakelwa.

O gakolotse barui go tshwaya dinamane gore go seka ga ga nna thata go ntsha bosupi kwa makgotla tshekelong. 

A re a batho ba lese go kwadisa dikgomo tsa bogodu, a re mapodisi le bone ba tshwanetse go kwadisa kgomo e ba e bonang.

O ne kgala thata barui ba ba folosang ditsheko kwa makgotleng, a re seo ke go senyetsa puso nako le madi a dirisiwang go tlhotlhomisa. 

Rre Makhophe o supile fa barui bangwe ba duelwa ka  dikgomo tsa bogodu fa ba sena go buisanya le yo a mosenyeditseng, a re selo seo se rotloetsa bogodu.

O ne a gakolola gore fa mapodisi a ba diretse sentle ba seka ba ba leboga ka dimpho, mme ba ka dira ka molomo fela, bogolo jang ka baduelwa ke mmuso.

Moemedi wa barui ba kgaolo ya Ghanzi, Rre Mogomotsi Serole, o ne a lebogela mapodisi go araba selelo sa barui, a supa fa seemo sa bogodu jwa leruo se fekeetsa sepodisi ka ntata ya gore kgaolo ya Ghanzi e bophara, mme ba tlhaelelwa ke dikoloi.

Rre Serole re o tshwenngwa ke gore e ka nna ya re lenaneo la KhomoKhumo le wela, bogodu jwa leruo bo bo boata gape, ka jalo o ne a kopa gore go okediwe bodiredi jo bo itebagantseng le twantsho bogodu jwa leruo.

O ne a supa fa mapodisi le bone ba amega mo dikgannyeng tsa bogodu, ka gore go na le mekwalo e e dirilweng ke mapodisi.

O supile gape ka monwana, batho ba ba gwebang ka go jesa leruo morago ba le rekise, a re le bone ba na le seabe mo bogodung jwa leruo.

O supile fa bogodu jwa leruo bo sa koafatse itsholelo fela, mme bo tsenya lehuma mo malwapeng.

Moemedi wa barui ba Ngami, Rre Taolo Habana, a re kwa Tsau le Ikoga bogodu bo ile magoletsa.

A re gona le lefelo le le dikaganyeditseng ke metsi kwa marole a otlelwang teng, a re o ipotsa gore magodu a goroga jang kwa lefelong leo, e bile a ditlodisa ka eng.

Mopalamente wa Ghanzi Bokoni, Rre Noah Sakalakae, ene o ne a supa gore letsholo la Kgomo Khumo ke tshegofatso mo baruing ba kgaolo eo, ka ba tlhorontshiwa ke magodu a leruo. 

Rre Salakae a gakolotse barui go loma mapodisi tsebe ka nako tsotlhe, gore ntwa kgatlhanong le bogodu jwa leruo e fenngwe.

Fa amogela batho, Kgosi Botshelo Lekgothu wa Ghanzi o ne a supa boitumelo, a re bogodu jwa leruo ga bo robatse barui. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : GHANZI

Event : Tshimolodiso ya Kgomo-Khumo

Date : 02 Jun 2019