Mapodisi a tlhotlhomisa leso la monna kwa Moshupa
30 May 2019
Mapodisi a tlhotlhomisa leso la monna wa dingwaga tse di masome a mararo, yo a neng a thulwa ke koloi fa maemelong a dikoloi a Nkaikela kwa Moshupa bosheng.
Mothusa mookamela mapodisi a Moshupa, Assistant Superintendent Goitsemang Sekgabo, a re moswi o ne a na le ditsala tsa gagwe.
A re ba ne ba tswa lenyalong mme koloi e e bakileng kotsi, ya Honda Fit e e botala jwa loapi e ne ya seka ya ema morago ga tiragalo.
O bolela fa koloi eo, e ne ya thula banna ba le babedi mme ba ragosediwa kwa kokelwaneng ya Mmaseetsele fa yo tlhokafetseng a ne a fetisediwa kwa Marina kwa a tlhokafaletseng teng moragonyana.
Rre Sekgabo o kopile setshaba go ba thusa go tshwara modira molato a re mo nakong eno ga ba ise ba tshware ope mabapi le kotsi.
E ntse e le kwa Moshuapa, basimane ba le barataro ba itshupile fa pele ga lekgotla ka Mosupologo mme ba tlaa itshupa gape kgwedi ya Seetebosigo e le lesome ka go lebisitswe melato ya go thuba le go utswa e robabongwe.
Rre Sekgabo a re basimane ba, ba ne ba itshupile fa pele ga mosekisi, Mme Bame Ngaka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : potsolotso
Date : 30 May 2019