Breaking News

Banni ba abetse sekolo sa Makaba

30 May 2019

Banni ba kgotla ya Tsopye kwa Kanye ba abetse sekolo se sebotlana sa Makaba dipara tsa ditlhako di le masome a mabedi le dikausu di le masome a mabedi.

Madirelo a Debonairs Pizza one a ne a abela baithuti diatlana di le masome a mabedi.

Kgosi wa Tsopye, Rre Obusitswe Kgame, o ne a tlhalosa fa maikaelelo a banni ba kgotla eo, e e mo kgaolwaneng ya bokhanselra ya Nyorosi Botlhaba, e le go tshwaragana gore kgaolwana eo e tswelele pele.

Ba ne ba tsaya tshwetso ya go ema  nokeng sekolo seo ka jaana ba ne ba sa itumedisiwe ke maduo a sone a lokwalo lwa bosupa a  ngwaga wa 2017.

Rre Kgame a re batsadi ba ne ba akanya gore sengwe se katswa se tlhaela, mme ba kopana le mogokgo go utlwa gore matsapa di a tsaya kae.

Morago ga bokopano joo, batsadi ba ne ba lemoga fa thuto e tlhoka gore fa go le mariga moithuti a seka a babalelwa ke serame, mme batswa ka moono wa go thusa baithuti ba sekolo seo ka ditlhako le dikausu mo pakeng ya mariga.

A re e rile mo ngwageng o o fitileng wa 2018, ba rekela baithuti ba sekolo seo ba le lesome le bobedi ditlhako le dikausu ka paka ya mariga mme ya re maduo a lokwalo lwa bosupa a tswa sekolo sa dira botoka thata fa go tshwantshwanngwa le ngwaga wa 2017.

Kgosi Kgame a re ka ngwaga wa 2017 sekolo seo sene se na le letshwao la A le le lengwe mme sa gapa 66 mo lekgolong.

Ka 2018 sa tokafatsa ya nna 82.6 mo lekgolong le bo A ba supa mme seo sa ba tsenya moko go tswelela ka moono wa bone wa go rekela baithuti bangwe dilwana tsa mariga.

Kgosi Kgame o tlhalositse fa badira jalo ka boithaopo e le batsadi, komiti ya ditlhabololo tsa motse, baoki ba ba tlogetseng tiro ka bogodi le bagwebi bangwe.

Mo go tse dingwe kgosi o ne a kopa banni ba kgaolwana eo go ema ka dinao go lwantsha borukutlhi mo kgaolwaneng eo a supa fa bo tshwenya thata, a re batsadi ba thuse ba tsenye kgalemo mo baneng ba bone.

Mpho eo e ne ya abiwa ke mookamela mapodisi wa kgaolo ya Borwa No:14 District Senior Superintendent Reuben Mphoeng mme ya amogelwa mo boemong jwa sekolo seo ke mogokgo wa sone Rre Dickson Ramagang.

Senior Suprintendent Mphoeng o ne a lebogela kgosi go rotloetsa morafe go tsenya letsogo mo ditirong tsa setshaba le mo go lwantsheng borukutlhi.

A re go lwantsha borukutlhi ga se go isa motho kgolegelong fela, a re gape ke go aga motho gore a itharabologelwe mo go direng borukutlhi mme a fetoge.

O lebogile banni ba kgotla eo gammogo le ba cluster No:6 go bo ba bone gore sekolo ke sa bone, le baithuti ke bana ba bone mme ba se ema nokeng.

A re se ba se dirang ke go thusa lefatshe gore le gatelepele ka jaana ba rotloetsa bana, ka ele bone bokamoso jwa lefatshe leno.

Rre Ramagang ene o boletse fa  go lesego letsogo le le abang gona le le le amogelang, a tlhalosa fa mpho eo e tlaa fetela kwa baneng ba ba maleba.

Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile, o ne a kopa batsadi go thusa ba cluster No:6 go ba tsaa tema fa ba tlhaetseng teng.

Rre Kesupile o kopile banni ba kgotla eo gore fa ba thusa sekolo ba seka ba tsaya ditiro di le dintsi  mme ba itebaganye le tiro e le nngwefela gore ba tla ba kgone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : KANYE

Event : Kabo dimpho

Date : 30 May 2019