Mesangwana e thusa basetsana go tsena sekole ka tshosologo
30 May 2019
Mogolwane wa komiti ya badiri ba kontereka ya Lesson Bee e e dirang kwa moepong wa Karowe kwa kgaolong ya legare, Rre Mosimanegape Toteng, a re go thusa ngwana wa mosetsana ka mesangwana ya bomme ke selo se se botlhokwa.
Rre Toteng o buile se fa ba abela sekole se se botlana sa Disaneng melora e e tlhapang, ditlolo, mesangwana le tse dingwe ka Mosupologo.
A re go utlwisa botlhoko gore ngwana wa mosetsana a tlhoke go ya sekoleng ka ntata ya go tlhagelwa ke setswalo.
A re se se botlhoko ke gore balekane ba gagwe baa bo ba sa mo emela fa a le kwa lwapeng.
Mabaka a, ke one a a dirileng gore ba reke mesangwana ka ba bona botlhokwa jwa yone.
A re e ne ya re ba le mo loetong kwa Maun ba kopa go thusa ba ba tlhokile lesego.
Rre Toteng a re e tlaare le go boela morago ga bone ba lekodise boeteledipele jwa bone ka seemo se ba se boneng kwa sekoleng seo.
Mogokgo wa sekole, Mme Ogone Kolou o lebogetse leeto le dimpho, a re di tlaa thusa ka ba na le letlhoko le le ntsi thata.
O boletse fa ba na le letlhoko le legolo la matlo a borutelo mme a kopa gore ba tswelele go ba thusa.
Matlo a barutabana le o ne a re a tlhaela fela ka go na le barutabana ba le 22 mme matlo one a ferabongwe.
Mothusa mogokgo, Mme Julia Rams, o supile fa puso e batla maduo a mantle mme a kopa gore ba thusiwe ka matlo a borutelo gore seo se kgonagale. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Kabo dimpho
Date : 30 May 2019