Breaking News

Banni ba Mogapi ga ba itumele

30 May 2019

Banni ba Mogapi kwa kgaolong ya botlhophi ya Mmadinare ba kopile gore motse wa bone o tseye ditlamelo kwa lefelong le le lengwe fela.

Se, se ne se buiwa ke mothusa Kgosi Boago Ditsele kwa puthegong ya kgotla, e e neng e buisiwa ke molaodi wa Palapye, Rre Odiseng Moruti a na le mothusa mokwaledi wa khansele, Rre Lucky Maoto.

Kgosi Ditsele o supile fa banni ba Mogapi ba tshwenngwa ke go kgaoganngwa ga mafelo a ba tseelang ditlamelo kwa go one.

A re banni ba tswa bokgakala jwa 2009 ba ntse ba supa fa ba sa itumelele tsamaiso e e matswakabele.

Kgosi o ne a supa fa nako e tsile ya gore kgang e, e rarabololwe ka ba a kokonelwa ebile ba tsena mo ditshenyegelong go dirisa madi a mantsi fa ba ya go batla dithuso.

Kgosi Ditsele o supile fa maitlamo le maikaelelo a puso e le gore ditlamelo di latele Batswana kwa ba teng mme a supa go sa nna jalo ka Mogapi. Kgosi o ne a supa fa ba tshwentswe ke tlhaelo ya baoki le seemo sa kokelwana ya motse.

A re bagodi le ba na-le-bogole ba ba dirisang dikolotsana e ba kgaphetse kwa ntle.

O supile fa ditiro dingwe tse di agiwang ka madi a dikgaolo di sa tswelele ka dingwe tsa tsone di tshwana le matlo a barutabana, a komiti ya ditlhabololo le motlobo wa dibuka di sale di fedile mme go pala gore motlakase o tsenngwe gore di bo di ka dirisiwa.

Dr Gobusaone Morupisi go tswa kwa Palapye District Health Management Team (DHMT), o supile fa kgaolo ya Palapye e lebanwe ke tlhaelo ya dikoloi ka lebaka la botona jwa yone.

Dr Morupisi o ne a supa fa ba leka ka bojotlhe gore kokelwana nngwe le nngwe e nne le baoki ba le babedi mme se, se se motlhofo ka gona le bana ba ba sa batleng go berekela kwa dikgaolong mo ba felelang ba tlogela tiro.

Fa a tswa la gagwe, Rre Moruti o ne a supa fa ofisi ya ga molaodi e le yone e e golaganyang maphata a puso le go bona gore Batswana ba bona meamuso ya puso ba sa sokole.

Rre Moruti a re go tlhomamisa seo, ofisi ya ga molaodi e itlamile go tsamaya le dikgaolo go utlwa matshwenyego a Batswana le go bona gore a ka rarabololwa jang.

O supile fa ofisi ya gagwe e tshwentswe ke kgang ya motse wa Mogapi o go sa tlhaganyeseng gore tota ditirelo tsa bone tsa tsatsi le letsatsi ba tshwanetse go di tsaya kae mme a kopa kgosi go sala a bitsa morafe go buisana gore ba dumalane gore ba batla go tsaya kae, kwa ba bonang go ka seke go ba sokodise.

Rre Moruti o ne a gakolola morafe wa Mogapi go tlhomamisa gore dikarata tsa bone tsa Omang di mo tirisong gore ba nne le seabe mo ditlhophong tsa setshaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : MOGAPI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 30 May 2019