Dikgosi di kopiwa go agisanya morafe
30 May 2019
Dikgosi kwa Mahalapye di kopilwe go tshwaragana le morafe go batla tharabololo ya dikgwetlho tse di tsweletseng ka go jesetsa setshaba mo kgobedung.
Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso a re magosi ke motswedi wa puso ya batho ka batho ka jalo, ba tshwanetse go ema ka dinao go bopa setshaba.
O buile se kwa phuthegong ya therisano kwa Mahalapye ka Laboraro.
Mme Tshireletso a re dikgosi di filwe boikarabelo jwa go agisanya morafe.
“Le eteletse morafe mo dikgotlaneng tsa lona ka jalo fa go na le bothata, go lejwa lona gore le supe gore di tsamaile bogole fa kae.
Kgosi thotobolo e olela matlakala, tse di molemo le tse di botlhoko di rolelwa mo go lona.
Ke biditse bokopano jo, ka go lemoga boikarabelo jwa lona mo morafeng.
Ke lona le ka digang kana la godisa serodumo sa motse,” Mme Tshireletso a tlhalosa.
Mme Tshireletso a re go tlhoka taolo ga batsadi mo malwapeng le go dira tse di fapogileng fa pele ga bana go dira gore bana ba gole ba sa lemoge phoso ya go inaakanya le mekgwa ee bosula ka gore ba bonye e dirwa ke batsadi.
“Ka tsela nngwe, botlhoka tsebe jwa bana bo rotloediwa ke batsadi.”
Mme Tshireletso a re seemo se se golelang pele sa bana ba ba sa laoelesegeng, borukutlhi le setho se se duleng mo tseleng, di tlhoka gore boeteledipele bo tseye taolo, mme bo tshwaragane le morafe go batla tharabololo.
A re go a swabisa go bona motsadi a titiela bojalwa mme a bonwe le bana mo lwapeng.
“Emang ka dinao le baakanya dilo tse le go tlhotlhomisa go re go senyegile fa kae,” mme Tshireletso a ba gwetlha.
O rotloeditse magosi go ikopanya le boeteledipele jo bongwe jwa morafe jaaka baruti le mekgatlho go kaela morafe tsela.
“Fa le sa bulele morafe dikgoro ga go sepe se se ka tswelelang. Tlwaetsang morafe go etela kgotla kgapetsa kgapetsa gore ba kgone go lemoga le go tlotla boeteledipele jwa lona,” a gakolola.
Mme Tshireletso a re le fa puso e tsweletse le maiteko a go tlhabolola setshaba, go na le dikgwetlho jaaka go tlhoka setho, borukuthi, bomme le bana ba ba betelelwa ka tsela e ngomolang pelo, letlhoko la ditiro le tse dingwe tse di tlhokang seabe sa morafe ka fa tlase ga ketelelo ya magosi gore di rarabololwe.
“Bana ba rona ba tshelela mo sediding sa ditagi le bojalwa, bangwe ba bone ba felele ba dira ditiro tsa borukuthi ba sa ipone.
Botagwa jwa malatsi a, bo ruta batho mekgwa e bosula jaaka go bolaya le go betelela.
Mo motseng wa rona re na le batlhoki, bangwe ba bone e le bagodi le bana ba ba sa tlhokomelweng sentle bangwe ba phuagantswe ke batsadi.
Ke dumela gore go ka siama, fa re eme ka dinao re thusana,” Mme Tshireletso a supa.
A re puso e ikuela mo magosing le batsadi go ruta bana setho le go tswa ka dikakanyo tse di ka thusang go fokotsa dikgwetlho.
O supile gore go itlhokomolosa ngwao le setho, go dira go re batho ba palelwa ke go nna le seabe se se nonofileng mo ditirong tsa morafe tse di nang le bokao mo matshelong a bone.
“Ke ne ke le fa ngogola ka letsatsi la boipuso, ke tlhabilwe ke ditlhong ke ipotsa gore a mme Mahalapye yo, ke e ne yo ke mo itseng.
Manotonyana a batho le maloko a dikereke ba ba neng ba le mo kgotleng le bone ba ne ba ema ema fela, o bona gore ga ba na lenaneo la go re ba tsile go dira eng,” Mme Tshireletso a kaya.
A re go botlhokwa go ikgakologelwa ka go nna le seabe mo ditirong tsa morafe le go thusa go bopa tshaba e e nang le botho a re tsamaiso ya Setswana ya go direla ditiro tsa morafe mo kgotleng di tshwaraganetswe ke botlhe, ke yone motheo wa puso ya batho ka batho.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya therisano
Date : 30 May 2019