Go nna seopo sengwe go ka tsholetsa serodumo sa kgaolo
28 May 2019
Mokwaledi wa khansele ya Legare, Rre Godimo Garegope, o kopile babereki ba khansele potlana ya Tutume go nna seopo sengwe go tsholetsa serodumo sa kgaolo ya bone.
Rre Garegope o buile se fa a buisa babereki kwa Tutume bosheng.
A re mongwe le mongwe o tshwanetse go bereka ka mashetla le go bona gore tiro ya puso e nna le maduo a a eletsegang.
A re seabe sa bone se akaretsa go gakolola le go tla ka methale le matsipa mo tirong go tokafatsa ditirelo.
Rre Gareope o ne a gatelela Setswana se se reng, moroto wa o esi ga o ele ebile kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa a re go supasupana ka menwana ga go ntshe maduo ape.
O ba kopile go begela lekalana la tshenyetso setshaba fa ba lemoga tshenyetso setshaba le go tsibosa moeteledipele wa bone fa ba lemoga fa go na le mabeelo a tshenyetso setshaba gore mokgwa o o kganelwe.
Rre Garegope o boletse fa khansele ya Legare e santse e lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya madi mme a kopa babereki go somarela le go amogana didirisiwa.
Leloko la lekgotla la Botswana Land Board Local Authorities and Health Workers Union (BLLHAHWU), Rre Edwin Magori a re makgotla a babereki ga ba rotloetse tshenyetso setshaba. Rre Mangori a re go na le bangwe ba ba gopelang puso ka tsholofelo ya gore makgotla a tlaa ba sekela a re seo ga se moono wa makgotla ebile ba nna ba tsibosa badiredi go ikgapha mo mokgweng oo.
A re ba babalela dithoto tsa puso le go diragatsa maitlamo le maikemisetso a puso a gore dithuso di goroga kwa bathong go sena dibelebejane.
E ne e rile go le pele, mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Tutume, Rre Maipelo Selatolo a amogela baeng a bolela fa bokopano joo e le jwa go lekolana ka botsogo jwa bone e le badire le go tla ka ditsela tse ba ka tokafatsang seemo sa botsogo mo tirong.
Rre Selatolo a re ka bokopano joo ba amogana dikgwetlho tse ba kopanang natso ba bo ba tswa ka ditharabololo tsa tsone ba le seopo sengwe.
Go ya ka pego ya metsotso ya bokopano jwa babereki bao jwa kgwedi ya Moranang monongwaga go begilwe fa khansele potlana ya Tutume e latlhegetswe ke dithoto tsa P167 000 go simolola ka kgwedi ya Seetebosigo go ema ka Sedimonthole ngogola kwa lephateng la dipagamo, fa monongwaga go simolola ka kgwedi ya Hirikgong go fitlha Tlhakole khansele e setse e latlhegetswe ke dithoto tsa P157 700 ka go utswiwa leokwane, dikarolo tsa dikoloi le dibetiri. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : phuthego ya khansele
Date : 28 May 2019