Breaking News

Ba kgothaditswe go tsosolosa ngwao

28 May 2019

Banni ba kgaolo potlana ya Boteti ba kgothaditswe go tsosolosa ngwao gore dikokomane le tsone di fitlhele e santse e na le molodi.

Mogolwane wa moepo wa Lucara Botswana, Rre Itani Machola o buile se kwa moletlong wa ngwao kwa Leupane Pan gaufi le Mokobaxane bosheng.

Rre Machola a re kgaolo ya Boteti e humile ngwao e e tshwanetseng go somarelwa, ya godisiwa ya ba ya anamisiwa le mafatshe a mangwe.

A re mafatshe a mangwe a dirisa ditsatlholego go tlhabolola matshelo a bone le go tsholetsa itsholelo.Rre Machola o tlhalositse fa ditsatlholego di ka nontsha itsholelo le go tokafatsa matshelo a Batswana.

A re ngwao e akaretsa dipina, mmino, dijo, kapari le metshameko.

A re se ke go leka go rotloetsa tekatekano le tshwaragano mo merafeng yotlhe ya kgaolo ya Boteti ka go kgobokanela letsatsi le. A re moletlo o thusa banni go supa ditalente tsa bone go bonala kwa mafatsheng a mangwe.

Rre Machola o boletse fa go supa ditiro tsa diatla le gone go thusa gore batho ba kopanele go amogana dikitso le go tsaya malebela mo go ba bangwe go tlhabolola dikgwebo tsa bone.

Rre Machola a re Botswana o santse a ikaegile ka mafatshe a mangwe mo dithotong ka bontsi mme a gwetlha balemi go lema dijo tse dintsi tse di ka lekanang lefatshe leno le mafatshe a mangwe le go reka dilo tse di dirwang mo Botswana.

E rile a tlhalosa maikaelelo a letsatsi, modulasitilo wa komiti ya ngwao kwa kgaolong ya Boteti, Rre Leteng Segaisi a supa fa e le go tsosolosa, go keteka le go somarela ngwao kwa kgaolong eo.

Rre Segaisi a re ba itebagantse le banana go ba lemotsha fa ngwao e le botlhokwa ka ba ka itshetsa ka yone.

O kopile bogogi jwa kgaolo ya Boteti go ema nokeng tsosoloso ngwao.

Moletlo o ne o natifisiwa ka metshameko, mmino dipina ka go farologana, dijo tsa Setswana le ditiro tsa diatla.

O ne o tsenwe ke ditlhopha tsa Boteti ka bophara le dikgaolo tse dingwe.

Go ne go na le maitiso a ngwao a a neng a gogwa kwa pele ke Dr Vom. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : moletlo wa ngwao

Date : 28 May 2019