Breaking News

Banni ba metse mengwe ba akgola Makgato

28 May 2019

Banni ba Mathako, Borotsi le Sefhare kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami ba galaleditse mopalamente wa bone, Mme Dorcas Makgato go dira ka natla.

Ba re o dirile go le go ntsi ebile ba santse ba solofetse tse dikgolo.

Ba ne gape ba mo akgolela go simolodisa kago ya kokelwana kwa Borotsi, e e agiwang ke khamphane ee ikemetseng ya IQRAA.  

Mo go tse dingwe, banni ba ne ba ikuela mo go Mme Makgato ka tsenyego ya ditsela, letlhoko la metsi kwa ditsheng tse disha le tlhaelo ya matlo a badirela puso.

Kwa Mathako gone, Kgosi Ditshotlo Kgaufelo o ne a lekodisa mopalamente gore ba kgaoletswe metsi mo kgotleng, a tlatsa ka gore ofisi ya kgotla ga e a wediwa go gokelelwa motakase.

A re ba bone go le botlhokwa gore ba emise ditiro tse dingwe, mme ba tsee madi a tsone ba dire tsela, ka ele yone kgwetlho e tona mo go tsotlhe.

Kgosi a re ba kopa katoloso ya metsi kwa ditsheng tse disha, a tlatsa ka gore ba eletsa gore ere fa ba kabo ditsha ba sega ditsha, ba metsi le bone ba bo ba a isa kwa go tsone go re go nne motlhofo go aga.

O ne a kopa gore komiti ya ditlhabololo tsa motse e fiwe ofisi e e ka direlang mo go yone.

O ne a lebogela ditlhabololo tse ba di diretsweng jaaka go thapelwa badisa dikago kwa kokelwaneng le motlobo wa dibuka.

Kwa Sefhare, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse a re ba ikaelela go tlhabolola matlo a bone ka go a tsenya motlakase le metsi le go ntsha ditlhare mo ditseleng.

Fa a araba, mopalamente o ne a solofetsa go lepalepana le mathata a tshenyego ya ditsela, le fa go sena go nna motlhofo, ka jaana o sa ntse a lwantsha mathata a go baakanya marogo a a tshwaraganyang lefatshe la Botswana le a mangwe.

A re puso e ntse e emetse kago ya borogo jwa Kazungula ka dinao, mme e tshwanetse go lwantsha gore jwa Sherwood le jone bo atolosiwe go hema mosuke wa dikoloi tsa dithoto.

Mopalamente Makgato o solofeditse komiti ya ditlhabololo tsa Mathako go re o tlaa e rekela khomputara, fa kgang ya koloi ya kokelwana le go isa metsi kwa ditsheng tse disha a tlaa di isa kwa go ba ba maleba.

E rile a araba ka ga bogodu jwa leruo, a supa beng ba marekisetso a nama ka monwana a re ba rotloetsa bogodu joo.

Mme Makgato o ne gape a re puso le yone e tshwenyegile thata ke letlhoko la ditiro.

Mopalamente o ne a tlhalosetsa banni ba kgaolo ya gagwe gore tiro ya lephatla la gagwe ke go gokaganya setshaba le ditlamelo ka maranyane, le go bona gore dipalamo ga di kgorelediwe ke mosuke, bogolo jang mo marogong.

A re o tshwenngwa ke mokgwa wa beng ba dikonteraka wa go ngongoregela gore ba bangwe ba filwe di tendara, a re o kgoreletsa go dirwa ga ditiro, mme a re o ikaelela go dira tsotlhe go o fedisa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 28 May 2019