Breaking News

Go botlhokwa go nwa dipilisi ka fa tshwanelong

27 May 2019

Batho ba ba tshelang ka mogare wa HIV ba rotloeditswe go tsaya kalafi ka fa go tshwanetseng ka teng.

Thotloetso e dirilwe ke Rre Andrew Rietz wa Mc’Carthy’s Rust kwa kgaolong ya Kgalagadi bosheng.

A re bangwe ba felela ba tlhokafala ka go tlhoka go sala ditaelo tsa ba bongaka morago.

Rre Rietz, yo o dingwaga tse di masome a mane le boraro, o supile fa a sa le a tsenye mo kalafing ka ngwaga wa  2016, morago ga go fithelwa ka mogare wa HIV.

O kgothaditse ba ba nwang diritibatsi go di nwa ka fa tshwanelong, mme ba emise go nwa bojalwa le gore ba dirise dikhondomo ka nako ya tlhakanelo dikobo gore ba seka ba fetisetsa mogare kwa bakapelong ba bone.

Mme Abigail Stevenson  go tswa kwa ofising ya District AIDS Coordinator (DAC) a re maikaelelo a letsatsi leo la mafatshe la segopotso sa HIVAIDS sa  go  tshuba dikerese  ke go gakologelwa ba ba latlhegetsweng ke matshelo ka ntata ya segajaja se.

Gape ke go lemoga seabe, maiteko le dikgwetlho tsa batho ba ba tshelang ka HIVAIDS.

Sebui sa tlotla, Mme Pauline Sephiri, yoo eleng kgosana ya kgotlana ya Mothupi kwa Tsabong, ene o boletse fa segopotso se simologile ka ngwaga wa 1983.

Kgosana Sephiri o ne a tlhalosa fa didikadike tsa batho di latlhegetswe ke matshelo fa di dikadike di le masome a mararo le bosupa di tshela ka mogare lefatshe ka bophara.

A re mo Botswana batho ba le dikete tse di makgolo a mararo le boferabobedi  ba tshela ka mogare ebile ba le mo diritibatsing.

Ka jalo o ne a kopa puso, maphata a botsogo, dikereke  makalana aa ikemetseng, a sepolotiki,  bogosi le setshaba ka kakaretso go tiisa go lwela botsogo le ditshwanelo go fenya ntwa e.

A re ba tshwanetse go tiisa go lwela botsogo le ditshwanelo tsa bone go na le go ba kgokgontsha kana go ba kgetholola ka seemo sa bone sa mogare ka gore ba fitlhela ba le mo diemong tse tsa botshelo ka mabaka a mantsi a a farologanyeng.

Kgosana Sephiri, yo o tswang kgakala a bua phatlalatsa ka seemo sa gagwe sa mogare, o ne a supa fa a setse a na le dingwaga di le masome a mabedi le boraro a tshela le mogare.

O ne a iteela kobo moroko mafoko a ga Rre Rietz a go ikamogela, a re go botlhokwa go gaisa sengwe le sengwe le gore ke gore motho o tshwanetse go itseela dikgato tse di maleba go thusa go tshela lobaka lo loleele.

E re ka jaana letsatsi leo le ne le phuthaganetswe  ke baruti  le diphuthego  ka go farologanya, moruti Kefilwe Gwu go tswa kerekeng ya Saint Bethel, o ne a gakolola setshaba ka kakaretso go emisa go kgetholola ba ba tshelang  ka mogare wa HIVe.

Moruti Gwu o ne a gwetlha batho go amogela Modimo, ka seo se ka ba thusa go  rata le go ba ema nokeng ba ba tshelang le mogare, gore ba kgone go tshela ka kagiso le  phuthologo ba sa boife sepe.

A re fa motho yo o nang le mogare, ke motho fela jaaka motho mongwe le mongwe  fela yo o lwalang bolwetse jo bo sa alafesegeng mme a  tshwanelwa ke go mo amogelwa le go neelwa tlotla.

Setlhogo sa letsatsi e ne e le go ‘tiisa go lwela botsogo le ditshwanelo’. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Mc CARTHY’RUST

Event : Potsolotso

Date : 27 May 2019