Breaking News

Badiri ba gakololwa go dira ka natla

27 May 2019

Tona wa lephata la boagedi le bong, Rre Ngaka Ngaka, o gakolotse badiri ba lephata la gagwe go dira ka natla le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho.

Tona o buile se mo loetong la go lekola dikgwebo tsa ba ba thusitsweng ka lenaneo la bong kwa Letlhakane ka Labotlhano.

Rre Ngaka o kgothaditse babereki go dira ka boineelo le bopelotelele.

A re puso e dira ka gotlhe go oka babeeletsi mme go botlhokwa go ba amogela ka lorato le boammaruri go sena tshenyetso setshaba.

Maikaelelo a loeto e ne e le go utlwa matshwenyego a babereki, go bona seemo se ba berekelang mo go sone le go thusana gore go ka baakangwa fa kae.

Tona o tlhalositse fa a tlhaloganya dikgwetlho tse di amang lephata jaaka tlhaelo ya boroko, bodiredi, didirisiwa le seemo sa diofisi.

A re o lemogile gore lephata le tlhaelelwa ke bodiredi ka ba bereka thata ka bana ba internship a tlhalosa fa go kopilwe diphatlha kwa lephateng la khiro la DPSM, tse di tlaa arabang seemo sa tlhaelo ya badiri le ya go tlhatlosiwa maemo.

Babereki ba ne ba rolela tona matshwenyego a bone a akaretsa tlhaelo ya diofisi, didirisiwa, boroko, metsi, dikoloi le kapari ya tiro.

Mogolwane wa lephata, Rre Thabo Ogotseng o tlhalositse fa ba se na ofisi, ba dimile ofisi e le yone e sa ba lekanan. Rre Ogotseng a re bogogi bo batla ofisi ya bong kwa Rakops.

Mogolwane wa lephata la boagedi kwa Serowe, Mme Derby Kenalemang o supile fa e le lantlha go etelwa ke tona, go tla go utlwa matshwenyego a bone.

Mme Kenalemang o tlhalositse fa maranyane a siame mathata e le dikhomputara tse di bokoa mo ba faletsang ba tlamega go dira ka diatla.

Fela Tona Ngaka o ne a tlhalosa fa mathata a tlhaelo ya bodiredi a bakwa ke gore go santse go sena diphatlha mme a matshwenyego a mangwe one o tlaa a sala morago le fa gone a se kake a arabiwa ka nako e le nngwe.

Rre Ngaka a re fa dikhomputara le maranyane di sa bereki ga ba ka ke ba ntsha maduo a a nametsang.

O rotloeditse badiri ba lephata la bong go pepetletsa ba ba filweng mananeo gore a seka a phutlhama.

A re lenaneo la bomme la bong le ne la emisiwa ka go ne go lemogilwe fa bangwe ba ne ba sa dirise madi sentle le lephata le ne le sa dire go lekane.

Tona a re maikaelelo ke go le busetsa mme go baakantswe dikgoreletsi tse di neng di le teng mo nakong e e fetileng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : Tekodiso dikgwebo

Date : 27 May 2019