Dikgaisano di tlhotlheletsa banana go supa talente
27 May 2019
Mothusa kgosi kwa Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng, o lebogetse dikgaisanyo tsa meletlo ya malatsi a ga tautona go fa banana sebaka sa go supa talente ya bone.
O buile se fa amogela baeng kwa dikgaisanong tse kwa motseng oo bosheng.
Kgosi Puleng a re fa banana ba kgobokane jaana, ba solofela gore ba ba nang le dikgwebo ba bone sengwe fa ba rekisa.
Mogolwane wa banana, Rre Thabo Seema, o ne a supa fa maikaelelo a tiro eo, e le go supa le go ipelela go farologana ga dingwao tsa Batswana, go ribolola talente le go e nonotsha, gammogo le go fa badiragatsi sebaka sa go lemoga fa bodiragatsi bo ka direla motho botshelo.
Ditlhopha tse di neng di gaisana di akaretsa tsa mmino wa tsutsube, hosanna, phathisi le setapa.
Setlhopha sa Sesigo sa tsutsube, se ne sa gapa maemo a ntlha, se latelwa ke sa Gata-la-tau fa maemo a boraro a tserwe ke setlhopha sa Mogoadira.
Mo ditlhopheng tsa mmino wa setapa setlhopha sa Khudu-thamaga, se ne sa gapa maemo a ntlha, fa maemo a bobedi a tserwe ke setlhopha sa Malekantwa, a boraro a gapiwa ke setlhopha sa Morogo wa ngwana.
Mo mminong wa Hosana setlhopha sa Nare tsa pina se ne sa tsaya maemo a ntlha, a bobedi a tsewa ke Ngwao Letshwao, fa a boraro a tserwe ke Mabutswapele.
Setlhopha sa Letsopa se ne sa ikgapela maemo a ntlha mo mminong wa Sebirwa, a bobedi a tsewa ke Bagammanaana, fa Babinakgabo ba gapile maemo a boraro.
Dipela tsa ga kobokwe di ne tsa gapa maemo a ntlha mo mminong wa phathisi, Bana ba kwena ba bona a bobedi, mme a boraro a tsewa ke Kwena madiba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Dikgaisanyo tsa meletlo ya malatsi a ga tautona
Date : 27 May 2019